Monni o abela sekole
15 Apr 2018
Monni wa Goshwe mo kgaolong-potlana ya Tutume, Rre Moffat Mabutho o abetse sekole sa Goshwe motshine o o ntsifatsang dipampiri gape o kgona go romela le go amogela melaetsa.
Fa a rola motshine oo wa Canon kwa sekoleng seo bosheng, Rre Mabutho a re o gwetlhilwe ke go bona maduo a sekole seo a sa itumedise, mme a lemoga fa go na le sengwe se se ka tswang se tlhaela go tsweledisa thuto ya baithuti, ka jalo a bona go tshwanela go rekela sekole motshine oo.
O boletse fa a tswa kgakala a itshwaragantse le dikole tse dingwe tsa Mpiti kwa Matobo le Goshwe ka go abela baithuti ba ba dirileng sentle.
Rre Mabutho a re kwa sekoleng se segolwane sa Goshwe, o dumalane le bone gore ngwaga le ngwaga ka nako ya moletlo ya kabo dimpho o tlaa abela baithuti ba ba gaisitseng ba bangwe mo mephatong yotlhe P150 mongwe le mongwe.
O ne a gwetlha baithuti go inaakanya le thuto.
A re bone ba lesego ka maranyane a ba tokafaleditse tiro ka ba na le motlakase go ka bala go na le bogologolo.
O ne gape a kopa baithuti bao go ikgapha mo dilong tse di tlaa ba itayang tsebe.
A re tiriso le tlhokomelo ya motshine oo ke gore e le baithuti ba ntshe ga tshwene.
Mogolwane kwa ofising ya thuto kwa Tutume, Rre Kenneth Habana o ne a lebogela thotloetso ya ga Rre Mabutho a re se se supa lerato le kemonokeng mo dikoleng tsa Tutume, mme e bile e le motsadi tota yo o itseng botlhokwa le mosola wa thuto mo baneng.
Rre Habana a re seo se ba bontsha fa batho ba motse ba amogetse moono wa puso wa go ikabela dikole go di thusa.
O ne a supa fa motshine oo o tlaa thiba phatlha ka dikole di lebaganwe ke kgwetlho e tona ya tlhaelo ya didirisiwa mo go amang tiro ya letsatsi le letsatsi ya baithuti.
O ne a akgolela Rre Mabutho se a se dirileng.
Fa a amogela baeng, mogokgo wa sekole sa Goshwe, Rre Bikani Bengane o ne a bolela fa ba kile ba nna le kgwetlho ya go ntsifatsa dipampiri mo baithuti ba feletseng ba sa kwale ditlhatlhobo ka nako eo.
Rre Bengane a lebogela mpho eo a re e tlaa dira pharolaganyo mo sekoleng sa gagwe.
O boletse fa maduo a ngogola a mophato wa boraro a tokafetse thata ka ba kgonne go tsaya matshwao a masome a mararo mo lekgolong fa go sobokwa baithuti ba ba fentseng ka matshwao a a botoka.
Rre Bengane o ne a solofetsa fa monongwaga ba itlamile go dira go feta ngogola le gone go leka go wela mo seelong se ba se segetsweng ke ba thuto. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : GOSHWE
Event : Kabo Ya Dimpho
Date : 15 Apr 2018






