Banni ba xere ba tshologetse letsatsi la tsa boitekanelo
15 Apr 2018
Modiri mo go tsa boitekanelo mo komponeng ya Orapa/Letlhakane Mines, Rre Andrew Inambao a re go itshidila mmele ke konokono mo matshelong a batho ka gore go ka thibela go tsenwa ke malwetse a a farologanyeng.
Rre Inambao o buile jaana kwa letsatsing la tsa boitekanelo le le neng le rulagantswe ke badiri ba moepo wa Debswana go tswa mo lephateng la tsa itshireletso kwa Xere bosheng.
Banni ba Xere ba ne ba tshologela letsatsi le ka dipalo tse di kwa godimo go tla go itshidila mmele le go anywa go le gontsi mo baitseanapeng ba ba farologanyeng ka tsa botsogo.
Rre Inambao o tlhalositse fa botlhokwa jwa go tshwara letsatsi le le kgethegileng le, e le go leka go lwantsha malwetse ka go farologana a akaretsa a a sa tshelanweng a thswana le bolwetse jwa sukiri, madi a matona, kankere le a mangwe.
A re ba bone go tshwanela gore ba tle go tlhola le banni ba Xere go tla go amogana le bone ka tsa botsogo le go ba rotloetsa go dirisa ditlamelo tse di leng teng go itlhathobela malwetse a a farologanyeng gore ba bone thuso nako e le teng fa go tlhokega.
Rre Inambao o ne a rotloetsa banni gore ba ele tlhoko dijo tse ba di jang.
A re ba je mo go tshwanetseng mme e bile ba itekanyetse.
O ne a tlhalosa fa ba bongaka ba dumela gore dijo tse di lekaneng motho e le tse di felelang mo letsogong.
Ka jalo a re go ja mo go feteletseng go ka baka mebele e metona e e ka bakang one malwetse a tshwana le jwa kankere le sukiri.
O ne gape a kopa banni gore ba je dijo tsa Setswana ka di aga mebele, a tlhalosa fa go tswaakanya dijo le gone go le botlhokwa mo mebeleng.
Rre Inambao a re banni ba tshwanetse ba tlhomamisa gore ba nwa metsi, a supa fa go le gantsi batho ba anwa metsi fela fa ba tshwerwe ke lenyora mme a re ga go a siama ka go supa fa ba a bo ba fetisitse nako e ntsi ba sa nwe metsi.
O ne a supa gape fa mmele o diretswe go itapolosa go itsa matshwenyego a tsa megopolo, mme a supa fa motho a ka itapolosa mo dioureng tse thataro go ya go tse di robang babobedi.
O rotloeditse banni gore ba nne ba tswelele ba itshildile mebele le mo boseong jwa ba botsogo go netefatsha gore ba nna ba itekanetse, a afa sekai ka mogwanto o ba neng ba o tseneletse a re ke nngwe ya ditsela tsa itshidilo.
Mmaboitekanelo wa Xere, Mme Baitshephi Gosenyamang ene a re le fa a gakolola batho ka se ba se itseng, go botlhokwa go tlhokomela mmele go itsa malwetse a letlalo.
O tlhalositse gore mmele o tshwanetse wa tlhapiwa mo go tshwanetseng ka go ama dikarolo tsotlhe ka metsi a a nang le molora go tswa kwa tlhogong go ya kwa dinaong.
A re go tlhapa legano le gone ba seka ba go ikgatholosa ka go na le ditlamorago tsa go tlhoka go le tlhokomela ebong malwetse a legano, a tlhalosa fa bana ba tshwanetse ba rutwa ba le bannye go tlhokomela mebele ya bone.
Modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse, Rre Eric Sekausu ene o ne a leboga babereki ba moepo wa Debswana, a re motse wa bone o kgakala le ditlamelo mme fa ba ntse ba ba etela jaana, ba a nametsega ka go supa ba sa ba lebala.
O tlhalositse fa ba amule go le gontsi mme e bile ba tlaa itshidila mebele ka metshameko e e farologanyeng.
A re bana le bone ba tlaa tsaya malebela ba gola ba itse fa go itshidila mmele go le botlhokwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kelebileone Kokiso
Location : XERE
Event : Letsatsi la Boitekanelo
Date : 15 Apr 2018






