Barui ba fiwa maele a go lwantsha bogodu
12 Apr 2018
Mothusa mookamela kgaolo ya sepodisi ya borwa, Assistant Commissioner, Boikhutso Dintwa o file barui ba kgaolo ya Ghanzi maele a go fenya ntwa kgatlhanong le bogodu jwa leruo jo bo sa ba robatseng.
O amogane maele ao le barui kwa thuto-puisanyong e e neng e itebagantse le ntwa kgatlhanong le bogodu jwa leruo kwa Charleshill ka Laboraro.
Rre Dintwa o ne a gakolaola barui fa go le botlhokwa gore baagisanyi kwa merakeng ba itsane, e bile ba tshwanetse go ela tlhoko le go tlhotlhomisa metsamao ya batho ba ba sa ba itseng mo dithoteng tsa bone.
O ne a kopa barui go nna ba loma tsebe ba seposisi fa ba lemoga kgotsa ba belaela borukuthi bongwe mo dikgaolong tsa bone.
“Re na le matsananyana a puso e a re fileng go a dirisa mo ditlhotlhomisong, re kgona go atswa motho yo o re thusitseng mo ditlhotlhomisong fa re dule sentle,” a tlhalosa.
Rre Dintwa o ne a tlhalosetsa barui gore ba tshwanetse go thokomela leruo ka go ya merakeng kgapetsakgapetsa le gone go itse leruo la bone, fa godimo ga moo a ba rotloetsa go duela badisa sentle gore ba tie moko.
O ne a gakolola barui gore ba tshwanetse go itse babereki ba bone, maina a bone ka botlalo le kwa ba tlholegang teng.
A re fa e le batswakwa, ba tshwanetse gore e bo e le ba ba nnang mo lefatsheng leno ka fa molaong e bile ba hirilwe go setswe melawana ya pereko morago.
O ne a tlhalosa gore bangwe ba hira batswakwa ka bokukuntshwane e bile ba sa itse maina a bone a matsalo.
“Motho o kgaona go itse fela gore o bidiwa Ndlovu kgotsa Ncube mme a sa tlhomamaisa gore a ke leina la gagwe la matsalo.”
Se a re ga se tlolo molao fela ka se ka ba rwesa mokgweleo wa tsa phitlho fa go ka diragala gore motswaka yoo a tlhokafale.
Mo godimo ga moo, Rre Dintwa a re seemo se se rotloetsa borukhutlhi, a tlhalosa fa go na le dikgang tse di utlwisang botlhoko tsa batswaka ba ba tseetseng ba ba ba hirileng madi morago ga go rekisa leruo la bone mme ba tsene ka lenga la seloko.
O ne a tlhagisa barui fa go le borai go tlogela ditshipi tse di tshubang dikgomo le ditlankana tsa tsone kwa merakeng.
A re barui ba tshwanetse go ema ka dinao ba bereke le mapodisi gore ba kgoreletse marekisetso a dinama a a ipeileng fela mo go gwebeng ka dinama tsa dikgomo tsa bogodu.
Go tshuba le go tshwaya leruo le gone o supile fa go le botlhokwa, go kgoreletsa bogodu jwa leruo le go thusa ka nako ya ditsheko tsa leruo.
Go tlhoka go tshwaya le go baya dikgomo tshipi go ka godisa ditshenyegelo tsa bosekisi mo dikgannyeng tsa leruo ka go ka pateletsa gore go dirwe kanoko ya dikarolwana tsa madi (DNA) go rarabolola dikgang tse.
Rre Dintwa o ne a supa matshwenyego a gore go na le ditshipi tse di sa kwadisiwang ka fa molaong, a re dikgomo tse di tshubilweng ka ditshipi ke tsone tse di rekisiwang mo marekisetsong a dinama a a rekang leruo la bogodu.
Ka jalo o ne a kopa barui go nna ba batlisisa distshipi tse ba sa di itseng, e sere gongwe di tlaa ba jela dikgomo.
O supile fa puso e tshwentswe thata ke go tshololwa ga dikgang tsa bogodu jwa leruo.
A re selo seo ke ditsheneyegelo mo pusong ka ba dirisa madi le nako e ntsi go dira ditlhotlhomiso tsa tsone.
Rre Dintwa o kaila fa batho ba ba utswang dikgomo ba le pelo dithata.
“Fa o ka mo lesa o re ke ngwana waga mmago o tsoga buile gape.
Fa o itswarela legodu itse gore o a bo o itlhasetse, le fa e le lesika la gago, nna pelo e thata.”
O ne a supa fa mo kgannyeng nngwe, mmueledi a le mo mathateng ka gore o duetswe ka dikgomo tsa bogodu ke mongwe yo a neng a mo emetse mo tshekong ya bogodu jwa leruo.
Tebang le tlhokomelo ya dihutshane, a re tseo di latlheletswe go latlhwa ka dingwe di sa tlhatlhelwe gotlhelele.
A re bangwe ba di tlhatlhela mo masakeng di bo di lala di le nosi, ka jalo magodu a kgona go nna le nako ya go di utswa go sena sekgoreletsi sepe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : Charleshill
Event : Thuto-puisanyo
Date : 12 Apr 2018






