Breaking News

Mogokgo o lela ka maduo

12 Apr 2018

Go wela tlase ga maduo a sekole se segolwane sa Pandagala kwa Tutume ga go jese tse di welang.

Mogokgo wa sekole seo, Rre Isaac Matebu o supile matshwenyego a gagwe mo bokopanong jwa batsadi le barutabana ka Laboraro.

Mogokgo o boletse fa sekole seo se na le palo e e kwa tlase ya baithuti ya makgolo a le mane, masome a a robang bongwe le bosupa mo palong ya 800 e e solofetsweng gore sekoleng seo se ka e ruta. A re e re ntswa palo eo e le kwa tlase le palo ya barutabana e le e e nametsang, ba le masome matlhano, mme ba tladiwa ke barutabana ba nakwana ba le batlhano, maduo ga a itumedise.

Rre Matebu o boletse fa a ne a kopana le batsadi morago ga maduo a mophato wa boraro a 2016 sekole se sena go tsaya maduo a masome mabedi le bone mo lekgolong, mme batsadi ba ne ba solofetsa fa ba tlaa tshwaraganela thuto ya bana le barutabana.

A re morago ga tsholofetso eo, maduo a ngogola a dule a nametsa ka ba kgonne go oketsa ka borobangwe mo lekgolong mme ya nna masome a mararo le boraro mo lekgolong.

O ne a tlhalosa fa mo go one matshwao ao, baithuti ba le bararo ba tsere letswhao la A, ba le lesome le boraro ba tsere B, fa ba ba tsereng C ba le masome mane le borobabongwe.

Mogokgo o ne a ba sedimosetsa ka maduo a baithuti ba lekwalo la bobedi le la boraro go ya ka ditlhatlhobo tse ba di kwadileng ngogola ba santse ba le mo sekoleng. Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa tiro e santse e le ntsi ka go supafala fa ba na le kgwetlho e tona thata e bile maduo a teng a tlhabisa ditlhong, ka jalo a kopa batsadi go tsenya letsogo go leka go tokafatsa seemo seo.

Rre Matebu o ne a ikuela mo banning ba kgotla ya Magapatona le bangwe ba ba kileng ba tsena mo sekoleng seo go itseela sekole seo ka moono wa ga Tautona wa pele, Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama wa go thusa dikole.

Batsadi ba ba neng ba tsene bokopano joo ba ne ba tshepisa mogokgo fa ba tlaa tshwaraganela thuto ya bana le barutabana go leka go tokafatsa maduo.

Ba ne ba supa fa ba sa itumedisiwe ke mokgwa o bangwe barutabana ba laelang baithuti go adima dibuka mo ditlhopheng dingwe tsa baithuti go kwala mme bone baithuti bao ba le kwa morago mo dithuto tseo, selo se ba supileng e le ntlha nngwe e e dirang gore maduo a wele tlase ka baithuti ba sa rutwe kgotsa ba tlhalosediwa pele ba ka kwala mekwalonyana eo.

Rre Urgent  Matenje  o supile fa a le ’bete se molangwana ka maduo a dikole tse dikolwane.

A re baithuti ba ba dirileng botoka mo lokwalong lwa bosupa ka go tsaya maduo a ntlha, fa ba tsena mo dikoleng tseo tiro ya bone e wela tlase. Rre Matenje a re kgang eo e tshwanetse go lejwa ntlheng tsotlhe ka gantsi go supiwa batsadi ka monwana ntswa barutabana le bone ba na le seabe mo kwelotlaseng ya maduo.

Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa lekgotla la batsadi le barutabana, Rre Nguni Moloi o ne a bolela fa barutabana ba lela ka baithuti ba ba nnang ba le nosi mo malwapeng le go tlhoka go etela sekole ga batsadi.

Rre Moloi a re gape barutabana ba boletse fa batsadi ba le maoto a tshupa fa ba bilediwa bokopano jwa barutabana le batsadi, selo se a supileng e le nnete ka a re le tsone diphuthego tsa kgotla tota ga ba di tsene. Ka jalo, o ne a kopa batsadi go tshwaragana le barutabana mo thutong ya bana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Tutume

Event : Bokopano

Date : 12 Apr 2018