Breaking News

Mapodisi a Masunga a tlhotlhomisa polao

11 Apr 2018

Mapodisi a Masunga kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba a tshegeditse monna mongwe wa dingwaga tse di masome mararo le bosupa mabapi le dipelaelo tsa gore o bolaile mokapelo wa gagwe wa dingwaga tse di masome mabedi le bobedi kwa Letsholathebe.

Go ya ka mothusa mookamela mapodisi a Masunga, Assistant Superintendent Vincent Tebogo, tiragalo eo e diragetse mo tshokologong ya kgwedi  eno e tlhola boferabobedi.

Assistant Superintendent Tebogo a re mmelaelwa yo o tlholegang kwa Tonota kwa kgaolong ya Legare o sa tswa go isiwa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata la Masunga kgwedi eno e le fera bongwe mme o tlaa tswelela a tshegeditswe go thusa mapodisi mo ditlhotlhomisong.

A re moswi yo o tlholegang kwa kgotlaneng ya Thomba kwa Letsholathebe, go belaesega a tlhabilwe ka sengwe se se bogale mme o ne a ragosediwa kwa kokelong ya Masunga ka lone letsatsi leo kwa go neng ga tlhomamisiwa fa a tlhokafetse.

Rre Tebogo o boletse fa ba tsweletse ka ditlhotlhomiso  mme setopo sone se le kwa setsidifatsing sa kokelo ya Masunga go tlhatlhojwa ke dingaka, fa maina a gagwe a santse a lobilwe go fitlhelela ba masika ba itsesiwe.

Mothusa mookamela mapodisi o tlhalositse fa e le tiragalo ya ntlha go diragala mo metseng e e welang ka fa tlase ga kampa ya bone fa e sale ngwaga ono o simologa.

Le fa go ntse jalo, Assistant Superintendent Tebogo o ne a ikuela mo setshabeng go kopa bogakolodi fa ba na le matshwenyego go na le go itseela molao mo diatleng.

A re le fa ba tsweletse ka go neela batho dikgakololo, go a tshwenya ka go lebega batho ba  tsweletse ka go di itlhomokomolosa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : tlhotlhomiso

Date : 11 Apr 2018