Molemisi wa Bobirwa o supa matshwenyego
11 Apr 2018
Molemisi wa kgaolo-potlana ya Bobirwa o tshwenyegile ka balemi ba kgaolo eo, ba ba latlheletseng masimo a bone.
Fa a bua mo potsolotsong, Rre Fedric Ramontsho a re bangwe balemi ga ba tlhokomele masimo le ntswa ba dirisitse lenaneo la puso la ISPAAD.
Rre Ramontsho o tlhalositse fa balemisi ba etetse mangwe masimo mme ba fitlhetse beng ba one ba seyo, e bile go supega a latlheletswe a sa tlhagolwa le dinonyane di tlhotlhorile thobo.
A re go sa nna teng ga balemi kwa masimo go dia go metwa ga masimo gore ba duelwe ka lenaneo la ISPAAD ka go bo tshimo e ka seke e metwe mong wa yone a seyo.
Rre Ramontsho o supile fa lephata la tlhabololo temo-thuo le tlhomamiso dijo le filwe go fitlha mafelelong a kgwedi eno gore balemi ba bo ba duetswe, mme a supa fa go le madiadia ka gore balemi ga ba ikgolaganye le ofisi ya bone go tla go saenela madi a bone.
Molemisi o kaile fa balemi ba ba saenetseng dituelo tsa bone ba sa tle go tsaya madi.
O supile fa go santse go na le masimo a le mantsi a a iseng a metwe mme a kopa ba ba iseng ba metelwe go ikopanya le balemisi ba dikgaolo tsa bone.
Fa a ama temo mo kgaolong ya Bobirwa, o supile fa e tlaa nna kwa tlase ka go bo balemi bangwe ba sa tlhagolela dijalo e bile ba sa lete dinonyane, mme a supa fa balemi ba metse ya Gobojango, Mabolwe, Semolale, Motlhabaneng, Molalatau le Mathathane bone ba tlaa itswela fela ka ba upuditswe ke ditlou.
Rre Ramontsho a re mo dikgaolwaneng dingwe tsa Bobirwa ba solofetse thobo e e botoka le ntswa dijalo dingwe di ne tsa koafadiwa ke letsatsi jaaka mmidi.
O supile fa ditema di ka tshwara masome a mararo le bosupa di ne tsa senngwa ke seboko sa segopa, se balemi ba se lemogileng nako e setse e ile, ka go bo bontsi bo sa tlhokomele masimo a bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Goratileone Kgwadu
Location : Bobonong
Event : Potsolotso
Date : 11 Apr 2018






