Bana ba le babedi ba betilwe ke metsi
11 Apr 2018
Mapodisi a Good Hope a tlhotlhomisa tiragalo e basimanyana ba babedi, yo mongwe wa dingwaga di supa fa yo mongwe di le lesome le bobedi ba fitlhetsweng ba betilwe ke metsi mo lehuting kwa Metlojane.
E rile a tlhalosa, ramapodisi wa Good Hope, Rre Mogomotsi Kwapa o tlhalositse fa tiragalo eo e diragetse ka labotlhano maitseboa.
O tlhalositse fa bana ba, ba e leng motho le monnawe ba ne ba na le rre mongwe go ya go batla dikgong.
O buile gore e rile fa rre yoo a ntse a batla dikgong a lemoga fa ba sa bonale e bile ba sa bue, mme a ipotsa fa ba boetse gae, ka jalo a boela kwa lwapeng mme a fitlhela ba seyo.
O tlhalositse fa ba ile ba ikuela bosigo kwa mapodising, mme mapodisi ba tsena mo letsomong go leka go ba batla, ka lesego ba fitlhela serankgatshwane se le gaufi le lefuti, mme ba fitlhela ba betilwe ke metsi botlhe.
Go ya ka ramapodisi, go lebega bana ba ne ba tsamaela go bapa le lehuti mme ka go reledisa, go bonala fa yo mongwe a ne a wela mo teng, mme yo mongwe a leka go mo thusa, ka jalo ba betwa ke metsi botlhe.
Ramapodisi o tlhalosa fa lehuti le, go epiwang kwari mo teng, mme o gakolotse setshaba gore go botlhokwa gore mafuti a a katelwe, gape a kopa bana gore ba iphaphe go tsamela mo metsing.
O tlhalositse gore le fa botsadi bo nosa leruo mo mahuting a, go botlhokwa gore a mangwe mafuti a katelwe ka a le borai mo setshabeng.
O tlhalosa fa bana ba botlhe ba ne ba tsena mo sekoleng se sebotlana sa Mmaditlou kwa Madingwana.
Phitlho ya bana e tlaa nna ka Matlhatso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : Good Hope
Event : Potsolotso
Date : 11 Apr 2018






