Morafe wa Moshupa o lela ka lenyora
11 Apr 2018
Banni ba Moshupa ba supile fa letlhoko la metsi mo motseng wa bone le ngomola pelo.
Banni ba ntshitse matshwenyego mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke modulasetilo wa khansele ya borwa, Rre Alec Seametso bosheng.
Rre Seametso o ne a supa fa a etetse motse oo go lekola le go lekodisa morafe ka tse puso e di kgonneng, tse e tlaa di dirang le gone go utlwa matshwenyego a bone.
O ne a supa gore puso e tlhaloganya e bile e lemoga gore seemo sa metsi se a tshwenya mo metseng ya Moshupa le Kanye.
Fela, Rre Seametso o ne a lemotsha morafe gore e re le ntswa manokonoko a lenyora a ba kokonela mo go kalo, puso e eme ka dinao go tlhomamisa gore e lwantsha seemo seo.
Rre Seametso o ne a ikokobetsa mo boemong jwa puso, a kopa maitshwarelo mabapi le tiego e e leng teng ka thulaganyo ya go goga metsi go tswa kwa bokone go tla mo kgaolong ya borwa.
O ne a supa gore tiego e tona e bakwa ke beng ba masimo mangwe a a ralalwang ke phaephe ya metsi ba ba ganang go dumalana le puso gore masimo a bone a ngathwe.
E re le fa go ntse jalo, o lebogile Bakgatla ba ga Mmanaana ba ditshimo tsa bone di amilweng ke thulaganyo eo ka ba ne ba tsaya tshwetso ntle le dikgogakgogano.
Rre Seametso o ne gape a solofetsa banni phetogo ya seemo sa metsi mo motseng wa bone, a tlhalosa fa lemme la go gokela didiba tsa Selokolela tse di tlaa ba tlodisang melatswana le bonetse.
O ne gape a sedimosetsa morafe gore e re le ntswa morafe o tsentse dikopo tse dintsi e le dikeletso tsa bone go ya la makgotla a bone ka lenaneo la ditlhabololo, ga se tsotlhe tse di tlaa kgonagalang.
A re tse di tlaa dirwang di akaretsa katoloso ya motlakase ka motse o aname, go shafadiwa ga dikago tsa sekole sa tiro ya diatla mananeo a go nyeletsa lehuma le go tlhabolola Batswana, ga reng tse dingwe.
Fa a lekodisa khansele ka matshwenyego a motse, modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse, Rre Edwin Mokabedi o ne a supa fa ditsela tse di mo motseng di le mo seemong se se sa itekanelang morago ga go senngwa ke dipula tsa ga vDineo.
A re mananeo a ga goromente a bonya mo bangwe ba baikopedi ba felelang ba itlhoboga kgotsa ba tsaya lenaneo fela le ba neng ba sa ikemisetsa go le tsaya e le ka ntata ya go itlhoboga.
O ne a gakolola fa go le botlhokwa gore dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse di ikamanye le ba dikhansele, a re seo se ka nolofatsa ditiro tsa bone.
Mongwe wa batsena phuthego, Rre Basenki Kgosiyang ya re a ntsha la gagwe, a re go utlwisa botlhoko gore a bo morafe o sena metsi mme ba lephata la metsi ba a rekisetsa morafe.
Rre Kgosiyang o ne gape a ngongorega ka dituelo tse di kwa tlase tse ba di bonang fa ditshimo tsa bone di angwa ke ditlhabololo.
Rre Koolebile Tsalaile ene o ne a supa fa go na le dingwaga ba ntse ba bolelelwa ka didiba tsa Selokolela tse di sa gorogeng.
Le ene o ne a ngongorega ka ba lephata la metsi a re le na le metsi fa morafe one o bolawa ke lenyora. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tlamelo Kgelepo
Location : Moshupa
Event : Phuthego
Date : 11 Apr 2018






