Seametso o solofetsa ditlhabololo
10 Apr 2018
Banni ba kgaolo-potlana ya Good Hope ba gakolotswe go nna pelotelele fa puso e ntse e dira maitlamo a go tlhabolola metse ya bone.
Se se builwe ke modulasetilo wa khansele ya Borwa, Rre Alec Seametso bosheng.
O tlhalositse fa a itse gore go na le mananeo a tlhabololo a a santseng a tlaa dirwa gore go tlhabololwe metse ya bone.
O ba kaetse ka dithulaganyo tse bodirelapuso jwa kgaolo bo di dirang go rurifatsa gore ditlhabololo le mananeo di isiwa kwa setshabeng.
O tlhalositse fa kwa khanseleng e kgolo kwa Kanye go nna le pego ya ditlhabololo tsa metse, ka jalo ba itse matshwenyego otlhe jaaka ditsela kwa Kgoro, Good Hope le metse e mengwe.
O tlhalositse gape gore puso fa gongwe e lebelela seemo sa gore motse o o ka tswang o tlhoka thuso ya potlako ke ofe, gape a tlhalosa fa go dirisiwa dipalo tsa batho mo metseng eo.
Mo go tse dingwe, banni go tswa kwa Kgoro ba ne ba lela ka tsela e ba reng ga e tsamaege le tsela ya Goodhope/Mabule e ba tlhalositseng fa e sa bolo go dirwa mme e sa fele.
Rre Seametso o boleletse banni gore go tlaa agwa lobala lwa metshameko mo Good Hope, a tlhalosa fa dipaakanyetso tsa gore lo agwe di tsweletse.
Banni ba ne ba amogela ka boitumelo mogopolo wa go agwa ga lobala lwa metshameko mme ba kopa gore puso e bee leitlho thata boleng jwa lone le gore tiro ya teng a e dirwa ka botswerere e se re gongwe madi a wela ka motlhobodika. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : GOODHOPE
Event : Puisano
Date : 10 Apr 2018






