Breaking News

Makhanselara a itumelela maduo

09 Apr 2018

Makhanselara a Kgalagadi a iteetse maduo a lokwalo lwa bosupo a kgaolo eo legofi.

E ne e rile a bula phuthego ya khansele, Modulasetilo Justice Nkwane a bolela fa maduo a dikole tse dipotlana a lokwalo lwa bosupa  mo kgaolong ya gagwe a tokafetse.

A re maduo a tlhatlogetse kwa go 61.81% ka ditlhatlhobo tsa 2017 fa go tshwantshanngwa le 56% wa 2016. Rre Nkwane a re sekole se sebotlana sa Ncaang se itlhomile kwa pele ka bana ba sone ba pasitse botlhe, se longwa serota ke Tshane ka 94.4%, fa maemo a boraro a gapilwe ke  Vaalhoek ka  92.3%. A re Kisa yone e bone 90.9% fa Makgakgane e dirile 86.6%.

Le fa go ntse jalo a re dikole tse tharo tse dikgolwane mo go tse tlhano tse di mo Kgalagadi di tokafetse go sekaenyana fa sa Tsabong se wetse tlase ka 2017 fa go tshwantshanngwa le maduo a 2016, mme a gatelela fa sa Tapologo kwa Werda se di goga kwa mogatleng ka 9.2%.

Mo go tse dingwe, Rre Nkwane o kaile fa lenaneo la  go tlhagolela bananyana tsela pele ga ba dira mophato wa ntlha le tsweletse sentle. A re le setse le simolodisitswe mo dikoleng  tse 38 fa tse dingwe di saletse kwa morago ka lebaka la letlhoko la  matlo a borutelo.

Rre Nkwane o ne gape a gwetlha makhanselara go ema dikole tse di saletseng morago nokeng ka go di lekola gore ba kgone go itse letlhoko la tsone. Mabapi le tlhaelo ya metsi,  modulasetilo o boletse fa go okediwa ga didiba, kgokelo ya motlakase le go tlhatswiwa ga metsi kwa Ngwatle go tlaa araba selelo sa letlhoko la metsi mo kgaolong eo.

E rile a akgela, mokhaselara wa Gakhibana, Rre Tirelo Pule o tlhalositse fa go thapiwa ga ba BOCRA ke ba lephata la thuto go thusa ka tsa maranyane mo dikoleng go tlaa thusa dikole ka didirisiwa di akaretsa dibalamakgolo, gammogo le badiri ba tsa maranyane.

Rre Pule o ne a akgola puso ka mananeo a tshwana le LIMID le boipelego, a tlhalosa fa a tokofatsa matshelo a Batswana.

E re dikgang di eme jalo, makhanselara ba ne ba tlhopha mokhanselara wa Lokgwabe/ Tshane, Rre Aidoo Lesope ka bongwefela jwa pelo go nna mothusa modulasetilo morago ga gore Rre Phillipus Morerwa a ithole marapo ngogola.

Fa a amogela setilo seo, Mokhanselara Lesope yo e bileng e ne e se lantlha a se kotama, o ne a supa boitumelo go bo a tlhophilwe a sena moganetsi mme a solofetsa fa a tlaa bereka le makhanselara le modulasetilo.

A re o tlaa tlhomamisa gore ditiro tse di saletseng morago di a dirwa le gore ditirelo di goroga kwa Batswaneng ka nako. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Catherine Simane

Location : TSABONG

Event : phuthego ya khansele

Date : 09 Apr 2018