Breaking News

Bomme boora Mogatwane ba abela kgotlakgolo ditilo

08 Apr 2018

Bomme ba kgotla yoo Mogatwane mo Kanye ba abetse kgotla kgolo ya ga Ngwaketse ditilo di le masome matlhano le bobedi.

Fa a amogela mpho eo kwa kgotleng kgolo ya ga Ngwaketse bosheng, Kgosi Kwelagobe Mookodi o ne a akgola bomme bao a re ba dirile tiro e tona.

O ne a tlhalosa fa go le lesego letsogo le le abang go na le le le amogelang.

Kgosi Mookodi o tlhalositse fa a na le toro ya gore e re mo isagong fa banyalani ba laiwa mo kgotleng, ba neelwe molao ba ntse fa fatshe, mme a adile phate fa rre a ntse setilo sa dikgole, e seng ba eme ka dinao jaaka go diragala mo nakong eno.

A re tumelo ya gagwe ke gore go ema ka dinao go ka nna ga emisa nyalo ya bone ka dinao, mme fa ba ntse fa fatshe, nyalo ya bone e tlaa robalelwa ke ditlhokwa.

E rile a bua mo boemong jwa bomme bao, Mme Bani Mogatwane a tlhalosa fa ba rekile ditilo tseo ka boithaopo ba dira ba ikopantse e le bomme ba ba nyetsweng ba kgotla eo.

Mme Mogatwane a re ba dule ka mogopolo wa go reka ditilo tseo ba sena go lemoga gore fa bomme ba tsile manyalong kwa kgotleng kgolo, ba sokodisiwa ke tlhaelo ya ditilo mo ba felelang ba nna fa fatshe mo bodilong jwa semente, mme seo se ba babalele thata, bogolo jang fa go le mariga ka ba tsenwa ke serame.

A re mogopolo wa bone e le bomme ba kgotla eo, ke gore ba phuthane, ga mmogo le ba ba berekelang kwa ntle ga Kanye, gore ba itsane ba bo ba tlwaelana, se e le maiteko a go aga lekgotla la bone.

Mme Mogatwane o na re fa ba gorosa ngwetsi, ba mmolelela ka mogopolo wa bone gore le ene a tlhakanele ditiro tsa lekgotla le bone a ba a ikutlwe a amogelesegile a bo a nne ka phuthologo.

Fa a tswa la gagwe, Rre Otlaadisa Koosaletse o ne a gatelela ntlha ya gore ditilo tseo di reketswe go thusa  bomme, ka jaana borre bone ba rotloediwa go itlela ka ditilo tsa dikgole mo kgotleng.

O kopile bomme ba makgotla a mangwe go tsaya malebela mo go se se dirilweng ke bomme bao, a tlhalosa gore ba ka kgona fa ba dira ba ikopantse. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kenanao Ntsimane

Location : Kanye

Event : Kabo Dimpho

Date : 08 Apr 2018