Breaking News

UNDP e aba didirisiwa

08 Apr 2018

Baemedi go tswa mo metseng mengwe mo kgaolong ya Ngamiland ba ne ba phophoma ka boitumelo morago ga go abelwa didirisiwa tse di timang molelo ke ba lekgotla la UNDP le le diragatsang lenaneo le le rotloetsang tiriso ya lefatshe ka tsela e e siameng gore le nowe moro ke banni.

Baemedi bao ba ne ba tswa mo metseng e akaretsa Nxamasere, Sepopa, Etsha 6, Mowana, Tamachaa, Nxauxau, Chukumuchu, Shakarawe ga mmogo le baemedi ba makgotlana a morafe jaaka Lake Ngami Conservation Trust, Tsodilo Hills Enclave Development Trust le Nxaraga Development Trust.

Makgotla a merafe one a ne a fiwa dimpho tseo gore di tlhokomelwe ke palamente ya motse mme ba di adima banni ba ba eletsang go dira sepe fela sa itshetso.

E re motse wa Tsodilo o tshabelelwa ke melelo ya naga, ba UNDP ba ne ba bona go tshwanela go tsenya letsogo go tla ka methale e ka yone banni ba motse oo le ba metse e e mo tikologong ba ka e dirisang go lwantsha melelo eo ka jaana ba babalelwa ke manokoko a yone e bile gape dithaba tsa Tsodilo di kailwe fa e le lefelo la ditshabatshaba, ka jalo le tshwanelwa ke go somarelwa.

Ke ka moo metse eo e e dikologileng dithaba tseo e neng ya abelwa didirisiwa tse di timang molelo.

Fa a bua mo boemong jwa baemedi ba bangwe, kgosi wa Etsha 6, Kgosi Boitshepo Forosi o ne a leboga ba UNDP go menegane a bolela fa ba tlaa dirisa dimpho tseo sentle gore maduo a bonale.

A re e re ka lekgotla leo le dirile maiteko go katisa banni bangwe go di dirisa, ba  tlaa rotloetsa morafe go ba ema nokeng mme e le bogogi jwa metse, ba tlaa netefatsa gore didirisiwa tseo di a tlhokomelwa e bile tiro e a dirwa.

Kgosi Forosi o ne a supa fa banni jaanong ba kgatlhegela go tsenya letsogo fa melelo ya naga e tlhagoga mme sebe sa phiri ke dipalamo go ba isa kwa felong la ditiragalo.

O ne a kopa gape lephata le le maleba go henosa dikganedi tsa melelo, bogolo jang mo kgaolong ya Okavango, a supa fa di medile ditlhare.

Mogolwane go tswa mo lephateng la dikgwa, Rre Apiuta Hijamakutu le ene o ne a leboga ba UNDP a re e sale ba simolodisa lenaneo la go lwantsha melelo ya naga kwa Tsodilo ba lemogile fa go na le phokotsego ya lefatshe le le amegileng.

A re ka lenaneo leo le dirile go le gontsi, banni le bone ba kgatlhegela go thusa ka dinako tsa melelo.

A re UNDP e dirisitse madi a a fetang P33 000 go reka didirisiwa tse di timang molelo kwa Tsodilo, ya dira moalo o o ka dirisiwang go lwantsha molelo ga mmogo le gone go rutuntsha banni ba feta 500 go di dirisa.

O lebogetse dimpho tseo a re di tlaa tsweledisa maiteko a go babalela lefatshe mo go senngweng ke melelo le gone go kgoreletsa dimela.

Fa a aba dimpho tseo, mogolwane go tswa kwa UNDP, Rre Innocent Magole o ne a bolela fa lenaneo le ya bokhutlong mme a supa fa ba aba dimpho tseo go thusa go lwantsha melelo e e sa laolesegeng.

A re ba makgotla a merafe le bone ba tlaa ithusa ka dimpho tsa bone go simolodisa ditiro tsa itshetso.

Motshwarelela bogosi jwa Batawana, Kgosi Kealetile Moremi o ne a leboga ba UNDP a re go a itumedisa ka jaana dithuso tsa bone di akaretsa le yone metse e e kgakala, a tlatsa ka go re ba mo motlhaleng wa go diragatsa moono wa Sustainable Development Goals wa gore ope a seka a tlogelwa kwa morago.

A re banni ba Ngamiland ba ithutile go le gontsi mo lenaneong la UNDP.

A re dimpho tseo di tlaa thusa go tsweledisa maiteko a a setseng a le teng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : MAUN

Event : Kabo Dimpho

Date : 08 Apr 2018