Breaking News

Molaodi o akgola mokgatho Thari E Ntsho

08 Apr 2018

Molaodi wa kgaolo ya Bokone Bophirima, Rre Koolopile Leipego o akgotse mokgatho wa Thari E Ntsho Story Tellers go bo o dira go le gontsi go thusa banana go itirela botshelo.

Fa a bua kwa moletlong wa Thari E Ntsho wa go amogela baeng ba ba tshwaraganeng le bone go tswa Germany, Rre Leipego o ne a re se se dirwang ke Tlhari E Ntsho se nyalana le maikaelelo a ga Tautona Mokgweetsi Masisi a go itebeganya le dikgwetlho tsa banana tsa go tlhoka mebereko.

A re Tautona ga a kake a kgona dikgwetlho tse a le esi ntle le batsaya karolo jaaka mokgatlho wa Thari E Ntsho.

Ka jalo Rre Leipego o ne a re jaaka e le molaodi wa kgaolo ya Bokone Bophirima, o lebogela se se dirwang ke Thari E Ntsho ka se thusa banana mo kgaolong ya gagwe.

A re o tlaa ba ema nokeng go ya pele ka go letla maphata a a maleba go ba thusa mo go tse ba di dirang.

Rre Leipego o buile jalo mabapi le tiro e e dirwang ke ba Tlhari E Ntsho ba tshwaragane le banana go tswa Germany ya go dira tshingwana ya merogo le maungo gore banana ba itshetse.

Mosimolodisi wa Thari E Ntsho, Mme Bontekanye Botumile o ne a supa fa mokgatlho o, o thamilwe ka 2004 o itbagantse le go rutuntsha bana ka tsa ngwao, go rotloetsa basha go itlhamela mebereko ka tsa bodiragatsi le go tlhokomela tikologo jaaka go dirisa matlakala go dira dilo tse ba ka di rekisang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : Maun

Event : Moletlo

Date : 08 Apr 2018