Ba lela ka lekgotlana la kabo ditsha
05 Apr 2018
Banni ba Ngware mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba re ba ’bete se molangwana ka tsamaiso ya lekgotlana la kabo ditsha la Lephepe le ba reng le na le go abela batho ba ba ikopetseng lefatshe kwa morago go na le ba ba saleng ba kopile.
Mo potsolotsong le BOPA, kgosi wa motse oo, Kgosi Kgotla Kobelwane o ne a supa fa banni ba na le dingwaga ba ntse ba lela ka seemo seo.
Kgosi Kobelwane a re ba belaela tshenyetso setshaba ka jaana selo seo se diragala gantsi mo peong ya didiba.
A re ba kile ba kwalela tona yo o lebaneng go tla go buisa phuthego ya kgotla gore a tle a arabe matshwenyego a bone, mme seo ga se ise se kgonege.
Kgosi Kobelwane o ne gape a supa fa ba sale ba kopile go hudusediwa kwa lekgotlaneng la kabo ditsha la Letlhakeng ka lone le le gaufi le bone.
A re ba tsaya ditlamelo tsotlhe kwa Letlhakeng ntle fela le tsa kabo ditsha.
Kgosi Kobelwane a re go nna kgakala ga lekgotlana leo gantsi go dira gore balemi ba motse wa gagwe ba seka ba akola mananeo a puso a tshwana le go abelwa dipeo ka nako tsa temo ka jaana bangwe ba a bo ba tlhokile madi a sepagamo go ya go tsaya ditlankana tsa masimo kwa Lephepe.
Kgosi a re se se kgobang marapo le go feta ke gore le fa ba Ngware ba sena go tsamaya sekgala se se kalo go ya Lephepe, ba kgona go boa fela ba iphotlhere ka fa gongwe fa ba tsena koo ba fitlhela gotwe maranyane ga a bereke, ka jalo go ka se kgonege gore ba thusiwe ka tse ba di etseng.
Mo go tse dingwe, Kgosi Kobelwane o supile fa bogodu jwa leruo mo kgaolong eo bo le kwa tlase, mme fela a re o tshwenngwa ke dintwa tsa mo malwapeng ka ntlha ya bojalwa jo bo nowang mo motseng.
Kgosi Kobelwane o ne a ngogorega gape ka go tlhoka ditsompelo ga ba sepodise sa motse o o tshwanang le koloi.
A re selo seo se dira gore tiro ya bone e nne bonya mme ba tlhobogwe ke setshaba se akanya gore ba boitseme. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Olekantse Sennamose
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 05 Apr 2018






