Molaodi wa Bokone Bophirima o kgothatsa badiri
04 Apr 2018
Molaodi wa kgaolo ya Bokone Bophirima, Rre Koolopile Leipego o kgothaditse badiri ba Lekgotla la kabo ditsha la Tawana mo Maun go isa setshaba pele fa ba ba fa ditirelo.
Molaodi Leipego o buile jaana kwa moletlong wa dietsele wa lephata la kabo ditsha la Tawana bosheng.
A re bodirelapuso bo botlhokwa thata, ka jalo ba tshwanetse go fa batho ditirelo ka lorato.
O ne a re dipatlisiso dingwe di supile fa go na le boitseme mo bodirelapusong, ka jalo ga tsiwa ka methale e e farologaneng ya go tsosolosa bodirelapuso.
Rre Leipego a re go lemoga badiri ba ba dirileng sentle mo tirong, go botlhokwa ka go ba fa thotloetso gore ba tswelele ba dira ka natla.
A re le ba ba sa amogeleng dimpho tseo ba rotloetsega go dira ka natla, ka a re maduo a mantle a tswa mo tirisanyo mmogong.
Rre Leipego a re lefatshe le botlhokwa thata mme le tshwanetse go ajwa ke batho ba ba ititeileng sehuba.
A re go maswabi go bo badiri ba kabo ditsha ba itsewe ka mokgwa wa tshenyetso setshaba, ka jalo a ba rotloetsa go dira ditiro tsa bone kwa ntle ga selabe sepe.
Rre Leipego o ne gape a ba gwetlha go dira dipatlisiso gore ba nne le dikitso tse di maleba.
Go le pele fa a amogela baeng, modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Tawana, Rre Emmanuel Dube o ne a kgothatsa badiri bao gore ba tshwanetse go dira ka maikaelelo a go fetola dilo dinngwe go tokafatsa maduo.
A re botlhe ke bafenyi e seng fela ba ba amogelang dimpho.
A re ba ba fentseng ba fentse ka tshwaragano ya bone le ba bangwe.
Rre Dube a re o na le tumelo ya gore go tlaa nna le diphetogo tse dintsi mo lephateng leo la kabo ditsha. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : MAUN
Event : Kabo ya Dietsele
Date : 04 Apr 2018






