Breaking News

Bomme ba tsene mo mokgatlhong

04 Apr 2018

Mokgatlho wa bomme wa Botswana Homeless and Poor People’s Federation o tokafatsa itsholelo ya bomme mo kgaolong ya Borwa Botlhaba.

Fa a bua mo thuto-puisanyong ya mokgatlho o mo Ramotswa bosheng, modulasetilo wa khansele ya Borwa Botlhaba, Rre Phenyo Segokgo o ne a supa fa bomme ba eme ka dinao go tokafatsa matshelo a bone.

O supile fa makhanselara ba ne ba etela kwa toropong ya Francistown go ya go tsaya malebela gore ba ka nonotsha matshelo a batho jang.

Mokhanselara Segokgo o ne a supa fa ba ne ba tsaya malebela mo go bomme ba Francistown, ba ba neng ba setse ba dirile mokgatlho o o bidiwang Federation Group wa go tokafatsa itsholelo ya bomme.

O supa fa bomme bao ba ipopile ditlhopha, mme ba tla ka megopolo ya go itirela dikgwebo le go boloka madi.

O ne a supa fa ba ne ba nna le kgatlhego, ka ba feletse ba tla ka mogopolo oo go o diragatsa mo kgaolong ya Borwa Botlhaba.

Rre Segokgo o ne a tlhalosa fa a sa dumele gore go na le motho yo go tweng ke mohumanegi, a supa fa lehuma le simolola mo tlhaloganyong ya motho.

O ne a tlhalosa fa motho a tshwanetse go akanya, go tla ka megopolo le go e diragatsa go tlhabolola botshelo jwa gagwe.

Mokhanselara Segokgo o ne supa fa puso e na le maikaelelo a gore ka 2030 go bo go sena yo o saletseng kwa morago le matshelo a botlhe a bo a tokafetse.

O ne a leboga ba banka ya Botswana Building Society go bo ba thusa ba mokgatlho wa Federation Group ka go ba bolokela madi le go ba agela matlo.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Puso wa Batlokwa o tlhalositse fa mokgatlho wa Federation o le botlhokwa ka o rotloetsa mowa wa go dira mmogo le go aga setshaba.

O ne a supa fa o tsosa mowa wa go itirela, go rotloetsa go boloka madi le go simolola dikgwebo tse dipotlana.

Kgosi Puso o ne a kgothatsa bomme ba mokgatlho wa Federation Group go tshwara ka natla, go tsaya boikarabelo jwa go dira mmogo ka lorato, kagiso le go tsepama.

O ne a ba kgothatsa go ema nokeng ditiro le mananeo a a dirwang mo metseng ya bone, go aga lefatshe la bone.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Mosadi Seboko wa Balete o supile boitumelo go bona bomme ba eme ka dinao go itirela go tlhabolola matshelo a bone.

Kgosi o ne a supa fa mme e le thari ya setshaba, a eletsa go ba bona ba godile le go tsaya maikarabelo a malwapa a bone.

O ne a tlhalosa fa mananeo a le teng, ba na le seabe sa go a akola gore ba seka ba tlogela ope kwa morago. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gogontle Sanka

Location : RAMOTSWA

Event : Thuto Puisanyo

Date : 04 Apr 2018