Dikereke di gakologelwa balwetse
03 Apr 2018
E ne yare ka malatsi a Paseka dikereke dingwe tsa bona go le maleba go etela balwetse ba ba robaditsweng kwa sepateleng sa Masunga kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, go ba rapelela le go ba abela dimpho.
Ba kereke ya Disciples of the Light Apostolic church, ba ne ba abela balwetse dimpho tse di akaretsang ditolo tse di lopileng madi a a ka tshwarang P4 000, fa ba Thaba ya Methware Apostolic Healing go tswa kwa Marobela le bone ba ne ba aba dimpho tsa go tshwana le tseo tse di lopileng P700.
Fa a amogela dimpho tseo, ngaka mo sepateleng sa Masunga, Dr Hope Mungwariri o ne a leboga dikereke tseo mo tirong e ba e dirileng ya go supa bopelotlhomogi mo balwetseng.
Dr Mungwariri a re malatsi a tshwana le a paseka, batho ba a dirisetsa go kopana le ba malwapa a bone, fa balwetsi bone mo dipateleng ba sa bone sebaka seo.
A re mme go etelwa ga bone ke ba mekgatlho e tshwana le dikereke go ba nametsa dipelo, e bile go ba fa tsholofelo ya gore ba tla tokafala.
Mooki kwa sepateleng seo, Rre Ookeditse Shadreck le ene o ne a rolela dikereke tseo hutshe, a re ba dirile sone se ba se lopiwang mo bukeng e e boitshepo, a tlatsa ka gore e sale a tsena mo sepateleng seo ke lwantlha go diragala tiro ya go nna jalo.
Baemedi ba dikereke tseo, ba ne ba tlhalosa fa ba ne ba bona go tshwanela go araba boikuelo jwa tautona wa bone wa lefatshe leno, Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama jwa go rotloetsa mowa wa bopelotlhomogi, bogolo jang mo go bao ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.
Ba re tautona wa pele o fologa setilo jaana a sena go jwala peo e e nang le botshelo, e e tshwanelwang ke go tshegediwa le go tsweledisiwa go ya go ileng.
Modulasetilo wa komiti kgolo ya kereke ya Disciples of the Light, Rre Shathani Moseki a re ba ne ba thulanya ditlhogo e le maloko, mme ba tswa ka mogopolo wa go kgaogana bonyennyane jo ba nang le jone le balwetsi, a tlhalosa fa ba ntshitse dimpho tse ka lorato go tswa boteng jwa dipelo tsa bone.
Rre Moseki o ne a tlhalosa fa ba dirile seo e le ka taolo go tswa kwa go Keresete, a bo gape a supa fa a na le tumelo ya gore taolo eo, e tla a ba thusa go fodisa balwetse bao ba ba robaditsweng mo sepateleng seo.
Go ntse go le foo, mookamedi wa Thaba ya Methware Apostolic Healing church, moruti Mme Ellen Manewe o ne a re ba dumela gore lefoko la Modimo ke peo e e fodisang, a re mo malatsing a paseka go tshwanetse ga supiwa lorato le le saleng le simolodisiwa ke Morena Jeso Keresete.
Moruti Manewe a re lefoko la Modimo le rotloetsa kabo ya dimpho, e motho a tshwanelwang ke go e dira ntleng le go patelediwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Kabo Ya Dimpho
Date : 03 Apr 2018






