Breaking News

Lorato konokono mo badumeding - Moswaane

03 Apr 2018

Mopalamente wa Francistown Bophirima, Rre Ignitius Moswaane o gwetlhile maloko a Head Mountain of God Apostolic Church in Zion go dira bomolemo ka dinako tsotlhe, a supa fa e le sone se Morena a se tlhokang.

Fa a bula semmuso bokapano jwa kereke eo jwa malatsi a paseka kwa Jakalas No.2 bosheng, Rre Moswaane o tlhalositse fa mo go tse tsotlhe, lorato le tshwanetse ya nna seikokotlelo sa bone ka dinako tsotlhe, a re seo se ka thusa gore mang le mang yo o tsenang mo kerekeng ya bone a ipone a amogelesegile, go sa kgatlhalesege gore ke wa sebopego sefe.
 

Rre Moswaane o ne a gatelela botlhokwa jwa gore maloko a nne le tsotlhe tse di eletsegang, e leng lorato, botho, tlotlo le go nna le boikarabelo jo bo tshwanetseng, a tlatsa ka gore ba tshwanetse ba itse fa ba le letswai e bile ba le pheko ya lefatshe.

E re ka jaana maloko a kereke e le ditokololo tse di farologaneng tse di agang mmele o le mongwe, Rre Moswaane o ne a ba lemotsha fa go le botlhokwa go tshwaragana ka go emana nokeng le gone go tlodisana melatswana e tletse.

O ne a ba kopa gape go tsaya maikarebelo a go kgaratlhela go direla kereke ka nonofo gore e kgone go gola, a tlatsa ka gore ka jaana go le molemo go gopola papolo ya Morena, fela go botlhokwa gore ba nne ba kopana gangwe le gape go abelana megopolo mabapi le tse di ka godisang kereke.

Rre Moswaane a re go a itumedisa gore kereke ya Head Mountain of God Apostolic e na le dingwaga tse 79 e ntse e thailwe, mme ebile e ise e ko e tshabelelwe ke dihawa tsa go thubega, tse gantsi di itemogelwang mo dikerekeng tse dingwe.

Mopalamente a re bagolwane ba kereke eo, ba tshwanetse ba galalediwa ka go bo ba tshwere kereke ka matsetseleko, a re tsholofelo ke go bona e tswelela fela jalo e ntse e itsetsepetse ka motheo wa yone.

Rre Moswaane o ne a gakolola maloko go nna kelelelo fa ba dirisa maranyane a tshwana a Facebook, a re mo tirisong ya one, ba tshwanelwa ke go ikgapha gotlhelele mo go amanngweng le mafoko a a segang tsebe.

Mokwaledi mogolo wa kereke eo, Rre Tendani Manyiwa o ne a kaya fa ba tlotla ebile ba tseela letsatsi la papolo ya Morena kwa godimo fela thata, ka e le lone le le supang ka fa a neng a swela batho ka teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : JACKALAS NO.2

Event : Pulo Semmuso

Date : 03 Apr 2018