Breaking News

Khampani e namola baithuti

03 Apr 2018

Mookamedi wa Obert Fitness mo Maun, Rre Obert Morgan a re ba itlhophetse dikole di le tharo go di thusa ka mesangwana (sanitary towels) kgwedi le kgwedi.

Dikole tseo di akaretsa se segolwane sa Maun, Mogoditshane le sa Limpopo ko Salajwe mo kgaolong ya Kweneng mme sengwe le sengwe se fiwa mesangwana e le 3 000.

Mo potsolosong, Rre Morgan o boletse fa ba ne ba tsaya tshwetso eo morago ga go utlwa fa baithuti bangwe, bogolo jang ba ba tswang kwa malwepeng a a itsholelo e kwa tlase, ba dirisa materase mme seo sa mo gwetlha go thusa.

A re gape o ne a fiwa thotloetso ke baithuti ba pele ba a neng a tsena sekole nabo, mme a itlhophela go simolola ka go thusa dikole tse tharo pele a tlatsa ka gore fa seemo sa madi se letla, o ikaelela go oketsa palo ya dikole.

Fa a abela sekole sa Maun, o boletse fa a lemoga fa batsadi bangwe, bogolo jang ba ba tswang mo metseng e e mabapi, ba sa kgone go ka rekela bana mesangwana eo ka mabaka a itsholelo e e kwa tlase.

Rre Morgan a re ba dirile thulaganyo le ba bogakolodi mo dikoleng gore dimpho tseo di fiwe baithuti ba ba lebaneng.

O boletse gape fa a tshwenyega ka borre bangwe ba ba itirang moriti o tsididi fa ba tshwanetse go tlhokomela bomme ba bone ka go ba rekela mesangwana.

A re bagwe ba santse ba le ditlhong mme a ba kgothatsa go supa lorato mo go bomme ba bone a re go mo rekela dimpho tseo ke go supa fa ba kgathala ka botsogo jwa bone.

Le fa go ntse jalo, o boletse fa ngwaga ono ba bone go tshwanela go kopanya kabo ya dimpho tseo le itshidilo mmele ka jaana kompone eo e rotloetsa botsogo jo bo lolameng mo setshabeng.

A re ba bona go tshwanela go simolodisa 'Maun Wellness' e maikaelelo a yone e leng go rotloetsa itshidilo mmele ka nako tsotlhe ka jaana e le konokono mo botsogong jo bo siameng.

A re ba itemogetse fa bontsi jwa batho bo tshwenngwa ke malwetse a a sa tshelanweng jaaka madi a matona, sukuri mme molemo wa teng e le itshidilo go a thibela.

Kompone eo e thusa thata ka tsa itshidilo ya bodiredi mo dikomponeng ka go farologana di tshwana dibanka, dikoporase tsa motlakase ba Botswana Stock Exchange le tse dingwe tse di ikemetseng le morafe ka kakaretso.

Rre Morgan a re ba tsene mo botsalanong le ba komopne ya Mascom go godisa tiro eo ka jaana ba batla e sologela banni ba Maun molemo.

A re ba ikaelela go e tlhabolola ngwaga o o tlang  ka go dira lobelo la Maun Run le le tlaa ngokang batabogi ntlheng tsotlhe tsa lefatshe.

A re ba eletsa go ikgologanya le ba Botswana Athletics Association fa ba simolola dipaakanyo tsa lobelo leo.

Rre Morgan a re Maun o itsege thata ka bojanala ka jalo go tshwanela go tla ka ditirelo tse di tlaa tshosolosang itsholelo ya motse oo le gone go godisa bojanala. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 03 Apr 2018