Batshu o iteela kereke ya Eloyi legofi
03 Apr 2018
Tona wa lephata la merero ya setshaba, boagedi le tsa bong, Rre Edwin Batshu o lebogetse kereke ya Eloyi go sala morago molao o o laolang dikereke.
Fa a bua ka letsatsi la paseka le le neng le tshwerwe kwa motseng wa Tsetsebjwe bosheng, Rre Batshu o lebogetse seabe sa dikereke mme a tlhalosa fa puso e sa jesiwe diwelang ke dikereke tse di sa obameleng molao oo laolang dikereke.
A re puso e tshwenyegile fela thata ka gore dikereke dingwe di ja Batswana ntsoma mme ba sale ba sena sepe se ba ka tshetsang ba malwapa a bone ka sone.
Go sireletsa kagiso le thokgamo ya lefatshe, puso e ile ya tsaya tshwetso ya go dupa dibuka tsa dikereke go bona gore a ga di je Batswana ntsoma.
A re puso e kopile dikereke go tsisa maina a maloko a bone, a re le fa go ntse jalo ga se dikereke tsotlhe tse di tsisitseng bosupi jwa tsone.
A re dikereke tse 1 946 di supile fa di na le maloko a le 681 087, mme a rotloetsa dikereke tse di sa tsisang bosupi jwa tsone go dira jalo.
A re puso e tshwentswe gape ke go tlhoka kutlwisisanyo mo dikereng mo go bakang gore dikereke di thubege, mme ba ba amegileng ba bo ba itlhamela tsa bone.
A re puso e ile ya tsaya tshwetso ya go oketsa boloko jwa dikereke go tswa mo go lesome go ya kwa go 150.
O kopile maloko a dikereke go sala molao motheo wa dikereke tsa bone, ga mmogo le go tlotla boeteledipele jwa bone, mme a rotloetsa dikereke tsa semowa go inaakanya le lekgotla la OAIC le le tsamaisang dikereke tsa sebopego seo.
A re puso ya lefatshe leno, e ya go tswelela e beile dikereke leitlho, e le tsela ya go somarela kagiso le thokgamo tse lefatshe leno le itsegeng ka tsone.
A re go na le dikereke tse di tlang ka ditumelo tse di kgatlhanong le ngwao le setho sa Batswana, a re dikereke dingwe mo mafatsheng a mabapi di jesa batho dilo tse di sisimosang mmele jaaka dinoga.
Rre Batshu a re lephata la gagwe le filwe boikarabelo jwa go kwadisa matsalo, dintsho ga mmogo le ditlhalano.
A re lephata la gagwe le tshwenyegile thata ka dipalo tse di golelang pele tsa ditlhalano, a tlhalosa fa dikereke dingwe di thuba malwapa.
O rotloeditse setshaba gore ba ba iseng ba tsene mo lenyalong ba ikakanye pele, gore ba kgone ba tlhaloganye gore lenyalo go tewa eng.
Mabapi le ofisi ya omang, a re ofisi eo e solofetse dikarata tse dintsi tsa omang go fela monongwaga, ka jalo ba rotloetsa setshaba go shafatsa omang go santse go setse dikgwedi tse thataro go itsa mosuke ko diofising tsa Omang.
Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa kereke Moruti Sekai Jakoba o lebogetse tona Batshu go etela kereke ya Eloyi.
A re kereke ya gagwe e tla tswelela e ema puso nokeng le go tlotla molao o o tsamaisang dikereke. O lebogetse maloko a kereke ya Eloyi go bo ba ile ba kgona go tla pasekeng kwa Tsetsebjwe kwa ba kopanelang teng nako le nako ka nako ya paseka.
A re kereke ya Eloyi e tla tswelela e tlotla letsatsi le. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : TSETSEBJWE
Event : Potsolotso
Date : 03 Apr 2018






