Emang kgatlhanong le kgokgontsho ya bana
28 Mar 2018
Mokhanserala wa Tonota Legare, Rre Chris Machokoto a re o itemogetse gore bontsi jwa batsadi ga ba itse ka methale e le mentsi ya go lemoga kgokgontsho ya bana.
Rre Machokoto o supile gore ke ka go tlhoka lesego gore batsadi bangwe ba bo ba kgokgontsha bana ba bone mme ba sa lemoge.
O buile jaana kwa thutuntshong ya komiti ya tshireletso ya bana mo motseng.
O supile gore go rutuntsha komiti e go tsile ka nako e e leng gore bana ka bontsi kwa Tonota ba a kgokgontshiwa ka methale e e farologanyeng e e leng gore e a tshwenya.
A re batsadi ga ba lemoge fa go tlogela bana lebaka le le leele ba le nosi go sena tlhokomelo e le kgokgontsho le gone.
Mokhaserala o kaile gore go tlhoka kelelelo ga batsadi go oketsa kgokgontsho ya bana ka gore bontsi jwa batsadi ga ba itse ditlamorago tsa ditiro tsa bone.
A re bana ba tlhoka lorato le tlhokomelo e e tseneletseng go tswa mo batsading ba bone le masika pele ga puso e ka thusa.
Mme Kamogelo Ketlhaotswe o supile fa maikaelelo a thuto puisano e, e ne e le o tsibosa le go supa maitlamo a komiti e e sireletsang bana mo motseng, le gone go tswa ka lenaneo le methale ya go lwantsha kgokgontsho ya bana.
Mme Ketlhaotswe o supile gore morago ga thuto-puisano e maloko a komiti a tlaa dira dipatlisiso mabapi le tshireletso ya bana ba bo ba tswa ka megopolo ya go lwantsha kgokgontsho ya bana.
E rile a tswa la gagwe, Mmaboipelego wa Tonota, Mme Tlotlanang Ramoroba o tlhalositse fa komiti e e tlaa ruta banni ka go lwantsha kgokgontsho ya bana.
O ne a tlatsa ka go re leloko lengwe le lengwe le tshwanetse la itse ka se se diragaralang mo motseng oo mabapi le tsa tshireletsego ya bana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : TONOTA
Event : Thuto-puisano
Date : 28 Mar 2018






