Breaking News

khansele e gakololwa go fokotsa madi a ditirelo

28 Mar 2018

Mothusa modulasetilo wa khansele ya Ghanzi , Rre Shadrack Modisane o gakolotse khansele e go tswa ka methale ya go fokotsa madi a a duelelwang ditirelo.

E rile a bula semmuso khansele eo ka Mosupologo, Rre Modisane o kaile gore e re ntswa madi a a dirisitsweng ka 2017/2018 a supa a siame ka e le P152 662 315 fa a tshwantshwangwa le P195 473 060 wa setlha seo go supagala fa madi a dirisitswe thata kwa go dueleng ditirelo.

O supile fa go duelelwa ga  motlakase, gase le metsi go ne ga feta selekanyetso sa setlha seo. 

Rre Modisane a re madi a mesepele kwa ntle ga Botswana a badiri ba khansele eo, a batlhoki le ba ba kgakala le ditirelo le one a ne a fetile selekanyetso sa setlha seo.

O kaile gore go le gontsi go tshwanetswe ga duwa ka mananeo a a ka ruthuntshang batlhoki gore ba kgone go itshetsa  gore ba seka ba ikaega ka dithuso go tswa khanseleng fela. 

Rre Modisane o supile gore go ikaega ka madi a bathusi ga go a siamelela khansele eo, ka jalo ba tshwanetse ba tswa ka methale ya go oketsa madi a bone.

A re mananeo a banni a le lesome le motso go tswa mo go a masome a mabedi le boferabobedi a simolotse sentle mme e bile a mo magatong a a farologanyeng.

O kaile fa kgaolo ya Ghanzi e itemogetse dipula tse di boutsana fa ngwaga ono o rogwa mo go direleng gore temo e seka ya nametsa.

O supile fa diekere di le 117,87 di ne tsa lengwa ke balemi ba le 53 fa go tshwantshanngwa le  diekere di le 1066,73 le balemi ba le 498 ba ngwaga o o fetileng.

A re mo go supa gore malwapa a tlaa thaelelwa ke dijo ka ba sa lema jaaka go tlwaelesegile.

 Fa a bua ka tsa thuo a re mahulo a dikgomo le dihutshane a tokafetse fa go lebelelwa dikotla le boitekanelo  jwa diruiwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GHANZI

Event : Khansele ya Ghanzi

Date : 28 Mar 2018