Kgosi o akgola setlhopha sa Mabodisa
28 Mar 2018
Motshwarelela bogosi jwa Bakgatla, Kgosi Bana Sekai o akgoletse ba Mabodisa Cluster ka tiro e ntle e ba e diretseng Mme Mmamodidi Kgotlele ka go mo agelela lelwapa.
Kgosi Sekai o buile se fa a ne a rola logora lwa lolwapa lwa ga Mme Kgotlele lo lo ageletsweng ka terata ke ba Mabodisa Cluster ka Labobedi mo Mochudi.
Kgosi Sekai a re se ke nngwe tsela ya go diragatsa letshego la tebelopele ya 2016 la setshaba se se kutlwelobotlhoko se se ratang tshiamo, se se tlhokomelang batho botlhe.
O ne a supa fa go teratelela lelwapa la ga Mme Kgotlele go tsile go kganela leruo le batsamaya ka dinao go lo ralala, ka ba ne ba setse ba tlwaetse go dira jalo.
Kgosi Sekai o ne a iteela ba sepodisi legofi mo tirong ya bopelotlhomogi ka ba gatetse pele ka go kopantsha matlhoki a Batswana ka go farologana.
O rotloeditse ba Mabodisa Cluster go tshwara ka natla tiro e ntle e ba e direlang morafe ka se e le sekao sa lorato.
“Tiro e le e dirileng e supa lerato le mowa wa bopelotlhomogi tswelelang fela jalo le thuse fa le ka kgonang teng,” ga bua Kgosi Sekai.
Kgosi Sekai o ne a ba gwetlha go kopa thotloetso mo bagwebing ba ba leng teng mo kgaolong mme ba tlaa arajwa.A re ba seka ba ineela fa ba sa bone thotloetso ka gore Modimo o araba dithapelo mme e bile ba seka ba kgobega marapo.
Kgosana Obert Phefo yo o neng a emetse Mabodisa Cluster a re ba ne ba tshwentswe ke go bona batho ba ralala lelapa la ga Mme Kgotlele le leruo le nna mo teng, mme ba tsaya tshwetso ya go thusa ka go agelela lelwapa leo.
Kgosana Phefo a re go ne go se motlhofo go reka terata e ka ba ne ba sena thotloetso epe, ba ikaegile ka madi a bone.
A re go ba tsere dingwaga tse pedi go kokoanya madi ka ba ne ba sa ikaega mo babereking ba le bangwe, mme ba thapa badiri ba basha morago ga dikgwedi tse tharo.
Kgosana Phefo a re e le ba Mabodisa Cluster ga se la ntlha ba dira tiro e.A re ba kile ba agela motlhoki mongwe mo Mabodisa ntlwana ya boitiketso.
A re le ntswa ba ne ba sa bona thotloetso epe, o akgolela ba Mabodisa Cluster boineelo jwa bone mo go thuseng morafe le go nna le mowa wa lerato.
Mme Kgotlele o ne a tletse boitumelo, a akgolela ba Mabodisa Cluster go bo ba ageletse lelwapa la gagwe. A re se se mo fa seriti.
“Le nna ke tlaa tshwana le ba malwapa a mangwe ke tlaa kgona go ipela ka lelwapa la me e bile ga go na fa leruo le tlaa tsenang teng,” a bua a supa boitumelo.
Mme Kgotlele a re Kgosana Phefo o ne a tla kwa go ene a mmolelela maikaelelo a bone mme o ne a ba amogela ka diatla tsoo-pedi gore ba mo thuse.
A re ka ba ne ba tsaya lebaka go tsenya terata e, o ne a batla go tlelwa ke mowa wa boitlhobogo mme o ne a ba lebogela boineelo jwa bone go mo tswa thuso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebo Rakanyane
Location : MOCHUDI
Event : Go rola logora lwa lolwapa
Date : 28 Mar 2018






