Ba abetswe kara le ditonki tse pedi
28 Mar 2018
Khansele-potlana ya Mogoditshane-Thamaga e rile ka Labobedi ya abela ba lelwapa loora Borokgwe kwa Ramasenyane karaki ya ditonki le ditonki tse pedi.
Fa a bua mo moletlong wa go aba dimpho tseo, modulasetilo wa khansele ya Kweneng, Rre Jeffery Sibisibi o boletse fa mpho eo e abetswe ba lelwapa leo morago ga gore khansele e amogele dipego tsa ka fa batho ba masimo a Ramasenyane ba tshelang ka teng.
Khansele-potlana ya Mogoditshane-Thamaga e ne ya dira gore letsatsi la boitekanelo le kopane le la go supa bopelotlhomogi mme ba bona gore ba le keteke mo masimong a Ramasenyane.
Rre Sibisibi o boletse fa mokhanselara wa kgaolo, Rre Mmolotsi Phatsime a ne a sa mo robatse ka dikgang tse di amang batho ba Ramasenyane, mme o ne a etela kgaolo a patilwe ke molaodi.
O tlhalositse fa morago ba ne ba kopana, ba thulanya ditlhogo gore ba ka thusa jang, mme komiti ya khansele-potlana ya Mogoditshane-Thamaga ya boitekanelo ya tswa ka mogopolo wa go keteka letsatsi la botsogo le bopelotlhomogi ko masimong ao.
Rre Sibisibi o ne a re go nna teng ga bone mo masimong ao, ke sesupo sa gore puso e kgathala ka matshelo a bone, ka jalo, ba seka ba tlelwa ke mowa wa go itlhoboga.
Mo go tse dingwe, Rre Sibisibi o ne a gakolola batho ba lefelo leo fa e santse e le masimo, go ise go tlhomamisiwe go nna motsana.
O ba gakolotse fa go na le dikgato tse di tshwanetseng tsa salwa morago gore masimo a bone a felele a tlhomamisitswe gore ke motsana, mme e bo e le gone ba ka bonang ditlamelo tse di tshwanang le dikole.
Modulasetilo wa khansele o ne gape a supa matshwenyego ka dipego tsa gore bana ga ba isiwe dikoleng.
A re go dira jalo ke tlolo molao ka bana ba na le tshwanelo ya go ithuta.
O ba gakolotse go isa bana dikoleng, segolo bogolo ka thuto ya mono e santse e duelelwa ke puso.
Fa a amogela baeng, Kgosi Montshwarinyana Gaoforwe o ne a supa fa ba na le matshwenyego a le mantsi mo masimong a bone.
Matshwenyego a a akaretsa bana ba ba sa tseneng sekole, batho ba ba senang dikarata tsa Omang ntswa dingwaga tsa bone di letla, le letlhoko ka kakaretso mo e bileng batho ba sa aga matlo a a bonalang.
Kgosi o ne a supa gape fa ba na le ba-na-le bogole ba le palonyana, a supa fa ba tlhoka ditlamelo.
O ne gape a re banana ba bolawa ke go tsamaya tsela ya Thamaga ba batla mananeo mme ga go na nko e e tswang lemina.
Kokelwana ya masimo ao gape go ne ga bolelwa e ne e se mo seemong se se siameng, ka jalo balwetse ba patelesega go ya Thamaga. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : RAMASENYANE
Event : Moletlo wa go aba dimpho
Date : 28 Mar 2018






