Morafe o kopiwa go amogela diphetogo
28 Mar 2018
Mogolwane wa ofisi ya Ditlhopho kwa Kgaolong ya Mogoditshane/Thamaga, Rre Khumo Lebang o kopile morafe go amogela diphetogo tse di tlang le tshekatsheko ya molao wa tsamaiso ya ditlhopho.
Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa Ga-Morepo kwa Thamaga Labobedi, mogolwane wa ofisi ya ditlhopho (IEC) mo kgaolong ya Mogoditshane/Thamaga, Rre Khumo Lebang a tlhalositse fa diphetogo tsa molao di akaretsa dikotlhao tsa ipapatso kwa matlhophelong, go fudusetsa thopho kwa o sa nneng teng tse di tlaa yang go nna P7 000 go tswa mo go P2 000.
Rre Lebang o gakolotse ka botlhokwa jwa go dira dilo ka tolamo go hema go nna batswa setlhabelo ka dikotlhao tse di bakilweng ke ditshekatsheko tse di dirilweng mo molaong wa tsamaiso ya ditlhopho.
Maikaelelo magolo a diphuthego tsa ba ofisi ya ditlhopho go ya ka Rre Lebang, e ne e le go lekodisa morafe ka dingwe tsa diphetogo tse, bogolo segolo di ka ama batho ka bongwe e sare kgotsa ba iphitlhela fa gare ga naka tsa nare ka go tlhaela kitso.
E re ntswa morafe o ne o eletsa go utlwa ka diphetogo tsa go tlhopa ka motshine, mogolwane wa ditlhopho o ne a gakolola fa kgang eo mo nakong e e santse e beilwe botsetsi ka jaana e le fa pele ga makgotla a ditsheko ke nngwe ya diphathi tsa sepolitiki.
Morafe o ne wa gakololwa go ipaakanyetsa ikwadisetso ditlhopho e e yang go simolola Lwetse a tlhola ga raro go ya kwa go Ngwanatsele a le lesome le motso.
A re thulaganyo e, e tlaa thoka iketleetso ka jaana e sa ye go nna le poeletso jaaka e ne e ntse e le tlwaelo.
“Lebaka le le beilweng la dikgwedi tse pedi le sephatlho le tlhoka go re batho ka bongwe ka bongwe ba ititee ka thupana go netefatsa gore ba ikwadisa mo lobakeng lo lo beilweng gore ba seka ba kgaphelwa ntle ke tsamaiso ya nako eno.
Nngwe ya ditekodiso tse di beilweng morafe pele ke ya madi a a yang go lopiwa ba ba tlaa tsenang mo lebelong la go emela ditlhopho a P1 000 le P5 000 wa mokhanselara le mopalamenete go tswa mo go P100 le P500.
Kgosi Letebele Monare wa kgotla ya kwa Ga-Morepo o ne a supa fa a tshwenngwa ke kgolo ya dipalo tsa batho ba kgaolo eo ba ba senang Omang, ka tlhobaelo ya gore ba ya go kgaphelwa ntle go nna le seabe mo go tseyeng karolo ka nako ya ditlhopho.
Kgosi Monare a re seemo se, se tlhoka go fefogelwa ka jaana se beile ka fa mosing morafe o bontsi jwa one bo tlhaelang kitso ka ntlha ya seemo sa matshelo a bone, mme ba tlolwe ke ditirelo tsotlhe tsa go tlhabolola botshelo jaaka mananeo a puso.
Mokhanselara Molatedi Selala, o tsibogetse matshwenyego a ga kgosi ka go tlhalosa fa makhanselara ba kgaolo ya Thamaga ba supile matshwenyego gangwe le gape ka go tlhoka ofisi ya Omang kwa Thamaga ka poifo ya gore go buseditse morago maiteko a go fa morafe ditirelo tsa botlhokwa.
Mokhanselara o kaile fa e setse e le ngwaga wa bobedi kgaolo ya Thamaga e sa amogele ditirelo tsa Omang ka jaana ofisi e e lebaneng e ikgatholositse maikuelo a bone a gangwe le gape a go ntshetsa morafe ditirelo tsa bothokwa jaaka bo Omang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 28 Mar 2018






