Thuto ya diatla konokono
27 Mar 2018
Baithuti ba feta makgolo a mane go tswa mo dikoleng di le masome mararo le botlhano tsa ithutelo tiro ya diatla ba alogile bosheng mo moletlong o o neng o tshwaretswe mo Gaborone.
Fa a tswa lefoko la kgothatso, tona wa lephata la phiro, tokafatso bodiredi le tlhabololo dikitso, Rre Tshenolo Mabeo a re dialogane di tsee dikitso tsa tsone ka tlhoafalo ka jaana ithutelo tiro ya diatla e nnile le seabe se segolo mo go fetoleng itsholelo lefatshe ka bophara.
O rotloeditse ba dikgwebo go thapa dialogane mme gore ba bone bontle jwa diatla tsa bone ke gore ba ba duele sentle.
“Ke lo rotloetsa gore tsamayang lo tswele kwa ntle, lo tlale leswe lo dire tiro, go batlhatlheledi, aroganang le bone dikitso tse di maleba gore re nne le mophato o re ka ipelang ka one,” ga bua Rre Mabeo.
O kopile bathapi go fa dialogane sebaka sa go ithutela tiro ka lephata la gagwe le ka seke le fitlhelele maitlamo ao le le losi.
Tona Mabeo o tshepisitse bokopano joo fa lephata le direla mo nakong go netefatsa fa ithutelo tiro ya diatla e tlaa bewa mo maemong a a lolameng.
“Nnang tlhaga.Puso e e lemoga botlhokwa jwa thuto ya diatla. Ka jalo ke filwe tiro ke Tautona e e amanang le thuto ya tiro ya diatla. Ka jalo nnang le tlhwaile tsebe,” a tlatsa.
Sebui sa tlotla, mookamedi wa Assignments Unlimited, Rre Nic Janse Van Rensburg a re tsholofelo ya gagwe ke gore lephata la phiro, tokafatso bodiredi le tlhabololo dikitso le bagwebi ba bereke mmogo gore dialogane di fitlhelele toro ya tsone.
A re dialogane tse di ithutetseng tiro ya diatla di na le seabe se segolo mo go tokafatseng itsholelo ka e le bone ba dirang tiro e ntsi kwa madirelong.
A re dikitso tse ba di amuleng di ka ba thusa go bona ditiro mme le fa ba sa di bone ba di itlhamele ka jaana go se ope yo o ka tsayang dikitso mo go bone.
A re fa ba le mo letsomong la ditiro ba lebe le kwa ntle ga Botswana.
Fa a tswa la gagwe, mokwaledi mo lephateng la phiro, tokafatso bodiredi le tlhabololo dikitso, Mme Pearl Ramokoka a re maikemisetso a lephata ke go alosa dialogane tsa boleng.
A re ba nna ba butse matlho ka nako tsotlhe go leka ka bojotlhe go bona se mmaraka o se batlang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Gaborone
Event : Kaloso baithuti
Date : 27 Mar 2018






