Breaking News

Lenaneo la go aga sekole kwa Boro le tsweletse

27 Mar 2018

Fa madi a ka nna teng, mogopolo wa go aga sekole sa mephato e mebedi kwa Boro le tlaa simolodisiwa go itsa baithuti go tsamaya sekgala sa dikhilomethara di le masome mabedi ka letsatsi ba latela sekole kwa Matlapaneng.

Fa sekole se se ka agwa e tlaa bo e le phitlhelelo e kgolo ka jaana banni ba Boro ba sa bone boroko ka ntlha ya mosepele o moleele o baithuti ba o tsayang go latela thuto.

Se se tshwenyang le go feta, banni ba supa e le bodiphatsa jwa lefelo leo ka go saila diphologolo tse di borai di tshwana le ditlou.

Ka molelela phofu ya gagabo a sa swe lentswe, mo bokopanong bope fela jwa khansele, Mokhanselara Kenson Kgage ga a ke a ipona tsapa go bega ka selelo sa banni mabapi le tiego ya go agwa ga sekole.

Rre Kgage o supile boitumelo fa a akgela mo pegong ya modulasetilo e e supileng fa selelo sa bone se tlaa arajwa fa madi a ka nna teng.

Keletso ya ga Rre Kgage ke gore khansele e bone madi  ka se se ka  fefosa kago ya sekole.

Go ya ka mokhanselara, karabo ya gore fa madi a ka bonwa go tlaa potlakelwa go aga sekole e tlaa nna kgothatso mo baithuting mme se se tokafatse maduo ka ba tlaa bo ba bona thuto segautshwane.

Khansele e mo lenaneong la go dirisa dikago tse di bapileng le kgotla kwa Boro tse di akaretsang matlo a mabedi a LA2 le LA1 le ntlo lehalahala.

Mo pegong ya gagwe, modulasetilo wa khansele, Rre Duncan Enga o tlhalositse fa dikago tseo di se mo seemong se di ka dirisiwang, ka jalo di tlhokana le go shafadiwa.

O supile fa go sena matlo a boitiketso, ka jalo a tlhokana le go agwa le go gokelwa ga metsi le motlakase.

Rre Enga a re tiro e e batla sedikadike sa dipula mme mo nakong eno madi ao a ise a nne teng.

Ka jalo, a re ga ba a ithela moriti o tsididi ka ba dira ka gotlhe go tla ka maano a go batla madi a tiro e.

Fa a ama tsa kwa Sexaxa, a re kago ya sekole seo, se le sone e leng sa mephato e mebedi, e setse e fela.

Sekole se, sone se agilwe ke khamphani ya And Beyond mme tsholofelo e ne e le gore se tlaa tsena mo tirisong ngwaga ono o rogwa.

Modulasetilo a re sekole ga se mo seemong se se ka dirisiwang ka go na le dingwe tsa botlhokwa tse di saletseng morago di tshwana le dibolakaboroto, mabeelo a dibuka, lobati lwa dikitsiso fa  metsi  a ise a gokelwe kwa matlwaneng a boitiketso le ntlo ya boapeelo e ise e gokelelwe metsi.

Tsa kgopho ya  metsi a a leswe le tsone ga di ise di dirwe.

Tse tsotlhe, go ya ka Rre Enga di saletse morago ka lebaka la tlhaelo ya madi.

Mokwaledi wa khansele a re ba berekela mo nakong gore ba And Beyond ba ba rolele sekole gore khansele e tsee marapo a go se feleletsa.

Tiro e e saletseng morago e ka lopa dikete di le makgolo a mabedi le masome a matlhano a dipula mme, ‘re dira tsotse gore re tsee madi mo go a re a filweng fa go kgaoganngwa madi a setshaba e bile ke na le tsholofelo ya gore fa setlha sa bobedi se simologa sekole se tlaa bo se le mo tirisong ka jaana tiro e e setseng e se ya sepe’.

A re sekole se se botlana sa kwa Khwai se ka tswa se nnile le madiadia a gore ga go na didirisiwa tsa botlhokwa ka se ne se se mo lenaneong la kgaoganyo ya madi.

Sekole se sone se ne se rotloediewa ke ba Okavango Air Rescue mme kago e tsweletse.  

A re dingwe tsaa dikago tse di agwang di akaretsa  ofisi, ntlo ya dikhomputara, matlwana a boitiketso, ntlo ya boapeelo le ya bojelo le matlo a borutelo a supa.

Rre Enga a re khansele e tlaa aga matlo a bodiredi a roba bobedi a LA2.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Maun

Event : Phuthego ya khansele

Date : 27 Mar 2018