Breaking News

Barui ba lela ka kgofa e thamaga

27 Mar 2018

Morago ga go welwa ke seru sa kgofa e thamaga (bont tick) e e bolelwang e le borai mo leruong, khansele ya Bokone Bophirima e dumalane go laletsa tona wa tlhabololo temo-thuo le tlhomamiso dijo, Rre Patrick

Ralotsia go tla go thulanya ditlhogo le bone ka maikaelelo a lephata mabapi le kgang eo.

Tumalano eo e tla jaana ka makhanselara a supa fa manokonoko a kgofa eo e e bakang bolwetse jwa metsi a pelo (heart water) e babaletse barui, bogolo jang mo dikgaolong tsa Okavango, ba supa fa bangwe ba setse ba itshopere fela ka leruo la bone le sule ka bontsi.

Kgofa eo go bolelwa e ama leruo le tshwana le dipodi, dinku, dikgomo le dipitse tota mme bogogi bo supile fa maiteko a lephata a sa kgotsofatse mo go kalo.

Ba re ba dumela gore lephata le ka bo le emetse kgang ka dinao ka jaana e le sebetso sa tlholego mo banning ba matshelo a bone a ikaegileng ka thuo.

Ba re e re le ntswa maiteko a dirwa go laola kgofa eo, ba bona gore ga go a lekana ka jaana go sena pego epe e ba kileng ba e bewa pele ke lephata ka leruo le le suleng ka ntlha ya kgofa, ke ka moo ba batlang go tshotla kgang e le tona.

Ba re e re le ntswa melemo e le teng go lwantsha kgofa eo, sebe sa phiri ke gore e turu mo baruing, ba tlatsa ka go re le gompieno jaana banni ba latlhegelwa ke leruo ka jaana ba sa kgone go reka melemo.

Ba re bone ba dumela gore lephata le ka bo le potlaketse seemo seo se se sa jeseng banni ba Ngamiland diwelang ka go tsaya dikgato tse di maleba go lwantsha kgoga eo fela jaaka go a tle go dirwe ka malwetse a mangwe a tshwana le tlhako le molomo.

Bangwe ba makhanselara ba ne ba supa fa ba sa kgotsofalele tirisanyo mmogo le ba lephata la temo-thuo ba re go le gantsi ke bone ba latelang bodiredi go botsa ka kgofa eo.  

Ba re ba dumela gore bogogi jwa lephata bo ka bo bo iphile nako go tla go ba buisa ka seemo seo le gone go thusanya gore se ka rarabololwa jang.

Mokhanselara wa Nokaneng/Habu,  Rre Ngatumbe Kazombungo a re seemo se ngomola pelo ka jaana kgofa eo e busetsa maiteko a bone a go nyeletsa lehuma kwa morago, a tlhalosa fa botlhe ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma ba setse ba iphotlhere.

A re fa sengwe se sa dirwe, kgofa eo e tsile go tswala masaka otlhe mo kgaolong.

E re bangwe ba ne ba re go ka kopiwe puso go fokotsa ditlhwatlhwa tsa melemo e le tsela nngwe ya go fokoletsa barui manokonoko, mokhanselara wa Gani/Nxaunxau, Rre Morobela Ledimo o ne a re bogolo ba lephata ba bolotse letsholo go kenta leruo lotlhe mo dikgaolong tse di amegileng le tse di mabapi.

O boletse gape fa a sa itumelele dikarabo tsa ba lephata la matlhoko a leruo.

E ne e rile go le pele, mogokaganyi wa tsa temo-thuo mo kgaolong ya Ngamiland, Rre Obert Mabutha a tlhalosa fa maiteko a dirwa go lwantsha kgofa eo.

O boletse fa ba  rekile dikoloi tse pedi tse di tipang kgofa eo (mobile spraying vehicles) a tlhalosa gape fa ba tsweletse ka go kenta leruo e le maiteko a go lwantsha kgofa eo e le ene a boletseng e le borai.

A re koloi e nngwe e tlaa dirisiwa mo dikgaolong tsa Sehitwha tse le tsone di amilweng ke bolwetse jwa lethobo fa e nngwe e tlaa leba kwa Okavango go lwantsha kgofa.

A re ga ba kgone go supa dipalo tsa leruo le le amegileng ka jaana barui bangwe ba sa begele lephata ka leruo le le suleng mme seo se ba ketefaletsa tiro.

Rre Mabutha o kopile tirisano mmogo ya barui ga mmogo le banni.

A re fa ba tshwaraganela tiro maiteko a bone a ka tswa tema. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : Maun

Event : Phuthego ya khansele

Date : 27 Mar 2018