Breaking News

Masisi o leboga mekgatlho ya bomme

26 Mar 2018

Mothusa tautona, Rre Mokgweetsi Masisi o lebogile go menagane mekgatlho ya bomme e e bidiwang Mantlwane le Kalerato ya boithaopo mo Moshupa e e neng ya mo abela mamphemphe a dilwana tsa lelwapa.

Mekgatlho eo, e e dirilweng ke bomme ba Moshupa ba bagolwane, e rile ka Tshipi ba etela lelwapa loora Masisi mo Moshupa.

Maloko a mekgatlho eo a ne a ipela le boora Masisi, ba mo galaletsa ba mo eleletsa masego le matlhagonolo mo tirong ya gagwe ya botautona e e simololang ka Tshipi.

Ba ne ba opela ba bina ba ntsha magosogoso a dimpho ba bolela fa ba sa bolo go tshela le boora Masisi ka lobaka.

Ba ne gape ba bolela fa e le mokgatlho o o sa direng dipoelo mme o thusa mo malwapeng ka ditiro tse di farologaneng, go balelwa le go thusa batlhoki le ditsala.

Rre Masisi o ne a galaletsa bomme bao a bua gore ba lerato e bile ba mo gopotsa bogologolo gape ba mo dira gore a itumele a nne tlhaga.

Mokgwa wa mekgatlho eo ke go fa le go abelana dimpho ka go farologana le dikgakololo.

Ba ne ba mo abela diketlele, dipoleite le ditilo tsa dipolaseteke le tsa dikgole.

Ba ne ba abela Mme Neo Masisi megagolwane, ka gore jaanong ke mmabatho o tsile go amogela batho botlhe.

Rre Masisi o itumeletse mekgatlho go bo ba kgabisitse mohumagadi wa gagwe, ebile ba le lerato. O lebogetse kemonokeng ya bone. Bokthutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Moshupa

Event : Moletlo

Date : 26 Mar 2018