Breaking News

Dithuto tsa maranyane di botlhokwa

26 Mar 2018

Mothusa molaodi wa khansele-potlana ya Maun, Rre Ramogaupi Gaborekwe o lebogetse puso go bo e beile thuto kwa pele ga dilo tsotlhe mo lefatsheng leno.

Rre Gaborekwe o ne a bua kwa moletlong wa dialogane tsa dithuto tsa boranyane jwa ICT tse di neng di tlhatlhelelwa ke ba motlobo wa dibuka mo Maun ka Labotlhano.

O ne a lebogela dialogane tseo go bo ba kgonne go dirisa sebaka se ba se filweng go ithuta go fitlhelela ba wetsa dithuto tsa bone, a ba kopa go rotloetsa bangwe ka bone ba ba iseng ba bone sebaka go ya dithutong tseo go tla go ithuta le bone.

O tlhalositse fa thuto e le lengwe la matshego a a ka dirisiwang ke batho go itlhotlhora lehuma kana go tlhabolola matshelo a bone.

“Thuto ke selo se se ka re thusang go tswelela mo matshelong a rona ka go farologana ka gore fa o na le kitso kana o rutegile mo sengweng e kgona go go thusa gongwe le gongwe,” a tlhalosa.

Mothusa mogokaganyi wa tsa bolwetse jwa HIV/AIDS wa khansele-potlana ya Maun, Mme Nametso Sebitla o tlhalositse fa go tlhoka kitso le botsipa di kgona go dira gore motho a fetwe ke menyetla.

O bile a tlhalosa fa maranyane a le botlhokwa ka mo malatsing a no motho a kgona go dira dithuto dingwe  le dingwe mo maranyaneng a inthanete a le mo lapeng go na le go re a ye sekoleng.

O ne gape a tlhalosa fa go nna le kitso ka tsa maranyane go ka thusa le bone bagwebi go reka le go bapatsa dithoto le ditirelo tsa bone motlhofo ka di bonwa ke batho ba le bantsi mo nakong e khutshwane.

Mongwe wa dialogane, Rre Thatayaone Seboko o ne a leboga ba metlobo ya dibuka go ba fa sebaka sa go ithuta ka tsa maranyane ao, a tlhalosa fa bontsi jwa bone ba ne ba sa itse go dirisa dibalamakgolo mme mo nakong ya gompieno ba itse go di dirisa.

Rre Seboko o ne a tlhalosa fa ditlhaeletsanyo ka tsa maranyane a inthanete di tshwana le di-email di ne di pala gore ba di ipulele kwa ditirong ntateng ya gone go tlhoka go itse ka tsa maranyane ao.

O ne a tlhalosa fa jaanong ba itse go dirisa Microsoft Office Word, Excel, PowerPoint le tse dingwe tse di bonwang mo dibalamakgolong.

Mogolwane wa motlobo wa dibuka mo Maun, Mme Hildah Bawani o tlhalositse fa lenaneo leo la dithuto tsa maranyane le le simolodisitsweng ke lephata la tsa tlhabololo banana, metshameko le ngwao ka 2010 le setse le alositse baithuti ba le lekgolo le masome mararo le boferabobedi mo Maun.

Mme Bawani o ne a tlhalosa fa e le ba metlobo ya dibuka ba ne ba bona go le botlhokwa gore batho ba rutuntshiwe ka botsipa kana boitseanape jwa go dirisa dibalamakgolo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshepo Botshelo

Location : Maun

Event : Moletlo

Date : 26 Mar 2018