Breaking News

Banana ba Tirelo setshaba ba abile ntlo kwa Tamasane

25 Mar 2018

Mogolwane wa kompone ya Afritech Group, Rre Molebatsi Molebatsi a re ke maikarabelo a bone e le dikompone go tsenya letsogo mo ditlhabololong tsa lefatshe leno.

 

Rre Molebatsi o buile jalo mo kabong ya ntlo le ntlwana ya boitiketso, le pompo ya metsi e e tlaa tsenang mo bogaufing tse di neng di abelwa  Mme Nkhabelo Pule yo e leng mogolo yo o setseng a aja tandabala e e agilwe ka boithapo ke bana ba Tirelo Setshaba ba Tamasane, ba ba mo maphateng a puso a a farologaneng. 

 

Bana bao ba ne ba tsamaya ka setlhogo  se se reng Re bangwefela, mo go Ageng  Bokamoso jwa Malapa, ga re Tlogele Ope kwa Morago. 

 

Setlhogo se se supa boikarabelo jwa maemo a a kwa godimo le gone go tlhaloganya se bana bao e leng sone.

 

E rile a ema banana bao ka lefoko, Rre Molebatsi a re kompone ya gagwe e dirisana thata le ba meepo, mme a supa fa dikompone tse di ba thapang jaaka Debswana di batla go itse seabe sa kompone mo go busetseng mo setshabeng kana mo istholelong ya efatshe leno.  

 

A re seo ke bontlha bongwe jwa maikarabelo a dikompone tse di neelwang ditiro go tlhalosa ka seabe se di yang go se direla Batswana, le gone gore sengwe gape ke go rutuntsha banana mo go tsa ditirelo tse di farologanyeng maikalelo e le go atolosa le go godisa itsholelo ka go e tsenya mo diatleng tsa Batswana, go lebeletswe banana. 

 

O ne a supa fa go na le melawana e e ba laolang gore ba thuse fela makalana a a kwadisitsweng ka fa molaong, mme a tlhalosa fa banana ba tshwana le ba a ne a ba thusa e le kompone ya Afritech e seng ka madi a ba a seegelang fa thoko mo go a ditirelo.

 

Rre Molebatsi o ne a akgola banana bao a re ba dirile ditso ka go aga ntlo eo ya dikamore tse pedi, le ntswa ba sa amogele sepe, mme ba bone go tshwanela go itima dijo segolo jang e le mo malatsing a go lebilweng papolo ya morena. 

A re seo ke ditshegofatso mo go bone.

 

O tlhalosa fa a tlaa thusa banana bao go ba kwadisetsa kompone gore ba kgone go thusiwa sentle le go akola meamuso le ditlamelo tse di teng ka fa tlase ga dikompone.

 

 Ntlo eo le fa e ne e ajwa  e ise e wele, go lebilwe seemo sa loapi le gone gore go ka robalwa mo go yone ke sone se se neng sa ba pateletsa go e neela mong wa yone gore a tshabele pula mo teng. 

Rre Molebatsi o ne a supa fa a tlaa tsenya letsogo le le utlwalang go bona gore sengwe le sengwe se wediwa ka nako.

E ne ya re a lekodisa ka leeto la bone mo kagong eo, modulasetilo, Mme Mpho Mpatlisang, modirela setshaba a supa fa go ne go le thata go kgona maikaelelo a bone, mme ka tshwaragano, lerato le boineelo ba ne ba tsenya ditlhogo ba le lesome le bongwe, ba ntsha P120 ka kgwedi go tswa ka Phatwe ngogola.

A re ba ne ba rekisetsa bagolo ba tandabala dijo ka dinako tsa dikamogelo le go kopa mo dikomponeng, madirelo le mo bathong ka bongwe ka bongwe.

 

Mme Mpatlisang a re ba ne ba kgona go kgobokanya madi a a fetang P50 000 mme ka lesego banana bangwe ba supa fa ba na le dikisto tsa kago mme ba ntsha seabe sa bone ka go emeletsa ntlo eo, fa bone ba ne ba ba dubela semente. 

 

Banana ka bone ba ne ba ba ema nokeng mme ba ba rotloetsa go tshwara fela jalo le  go ba rotloetsa go supa fa ba na le bokgoni e bile e le megaka le gone gore boroko ke sengwe sa botlhokwa mo botshelong jwa motho ka bo mo fa seriti.

 

Dibui di ne tsa tsatsanka bana bao ka tiro e ntle eo, ba re go supega sentle fa lefatshe leno le godisa batho ba ba nang le tebelopele. 

 

E ne ya re morago, Mme Bateng Matontshe mo boemong jwa bangwe ka ene a lebogela botlhe ba ba neng ba tsentse letsogo gore tiro eo e atlege. 

 

Ntlo eo e ya go tsenngwa ntlwana le fa go tlhapelwang teng le gone go tsenya dialo le tse di tlhokegang.

Mong wa ntlo eo, Mme Nkhabelo Pule o ne a a tlhoka a le tlhaeng, mme a folosa magodimo ka go goela kwa go Ramasedi gore a thuse bana bao mo matshelong a bone a ba okeletse ka tse dintle gore ba kgone ditoro tsa bone mo botshelong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : TAMASANE

Event : Kabo ya ntlo

Date : 25 Mar 2018