Khama o tlaa tswelela a thusa setshaba
25 Mar 2018
Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama a re go fologa setilo sa botautona kgwedi eno e fela ga go ree gore o tlaa emisa go thusa setshaba sa lefatshe leno.
Fa a bua kwa moletlong wa go mo tsamaisa sentle kwa Ghanzi ka Labotlhano, Tautona Khama o ne a re go thusa batho ga se maikarabelo a ga Tautona kgotsa puso e le yosi, ka jalo o tlaa tswelela a thusa mo go tokafatseng matshelo a batho le morago ga go tswa mo ofising ya botautona.
O ne a supa gore go thusa batho go mo mading le mo pelong ya gagwe.
Tautona o ne a kopa badirela puso le baemedi ba setshaba ba sepolotiki go tswelela ba thusa setshaba ka natla le morago ga go fologa setilo.
Tautona Khama o lebogile banni ba Gahnzi a ba a ba rotloetsa go tswelela ba apara diaparo tsa Setswana/ngwao ya bone le ba ba neng ba phaphasela ka mebala ya folaga ya Botswana go tswelela ba dira jalo, a re seo se supa gore ba rata ebile ba ikgantsha ka ngwao le lefatshe la bone.
O ne gape a lebogela dimpho tse a di filweng ke banni ba koo, mo go tsone dikgomo di le legolo le masome a mane le madi a a ka tshwarang dikete di supa tsa dipula. .
Jaaka gale, e rile fa go tsena mmino wa polka ka sethopha sa Remmogo Polka Group, Tautona a goga Mme wa Lepodisi a tsena le ene mo seraleng.
Morago ga go fologa serala, a tlhalosa fa mmino wa polka o a reng o monate o tsweletse ka go gola sentle.
O ne gape a tlhalosa gore o tlaa tsaya karolo kwa Khawa Dune Challenge go tla go sireletsa bommampudi jwa gagwe jo a bo gapileng ngogola.
Tautona Khama o ne a tlhalosa gore kwa Serowe ga se gore o ya go laele, a re ‘banni ba koo ba re e tlaa bo e le kamogelo ya kgosi ya bone e e sa bolong go tsamanya.
Go le pele, mopalamente wa Ghanzi Botlhaba, Rre Noah Salakae o ne a leboga Tautona go laela banni ba kgaolo ya gagwe.
Rre Sakake o ne a gakolola morafe gore baeteledipele ba tshwanetse go tlotlwa ka nako tsotlhe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : GHANZI
Event : moletlo wa tsamaya sentle
Date : 25 Mar 2018






