Borre ba kopiwa go tsibogela botsogo
25 Mar 2018
Go nna maoto a tshupa ga borre mo dikgannyeng tsa botsogo go a tshwenya, ka jaana go holodisa maiteko a puso a go tsibogela kanamo ya malwetse.
Dibui kwa moletlong wa segopotso sa bolwetse jwa kgotlholo e tona kwa Jackalas No 2 mo kgaolong ya Bokokone Botlhaba ka Labotlhano, ba supile borre ka monwana go bo ba na le mokgwa wa go tlhoka go etela ditirelo tsa botsogo go itlhatlhobela malwetse.
Ba re go botlhokwa gore mongwe le mongwe a tsibogele botsogo jwa gagwe ka maikaelelo a go leka go lwantsha malwetse, bogolo jang fa go itebagantswe le jwa kgotlholo e tona, jo ba boletseng fa jone bo alafesega fa bo tsibogelwa nako e sale teng.
Ba re ke nako ya gore borre ba ititee ka thupana mme ba ne ba etela dikokelo gangwe le gape, go na le gore ba dire jalo fela fa go setse go le thata, ba tlatsa ka go re go tsiboga ga borre go ka thusa go nyeletsa gotlhele bolwetse jwa TB mo kgaolong ya Bokone Botlhaba le mo lefatsheng ka bophara.
Ka jalo seo sa fokotsa le yone palo ya dintsho tse di diragalang mme e le tse di neng di ka thibelwa ka go tsaya kalafi ya ba bongaka.Mogokgo wa sekole se segolwane sa Shanganani JSS, Mme Ndinaani Mandevu o ne a tlhalosa fa TB e santse e le kgwetlho e tona e e lebaneng lefatshe leno, a supa fa ntwa kgatlhanong le TB, e le e e ka sekeng ya kgonwa ke puso e le nosi, ntleng le batho ka bongwe ka bongwe ga mmogo le makalana ka go farologana a ka tsenya letsogo.Mme Mandevu o ne a gwetlha makalana a a tsweletseng ka go thusa puso ka ditsela tse di farologaneng tebang le tsa botsogo go akarediwa le jone bolwetse jwa TB, gore ba seka ba nyema moko go fitlhelela ntwa kgatlhanong le TB e fenngwa.
A re moono wa monongwa o o reng ‘Re batla boeteledipele mo go emiseng kanamo ya kgotlholo e tona, le wena o ka dira ditso go emisa kgotlholo e tona’, o gwetlha ope yo o ka tswang a le moeteledipele fa a leng teng go ema ka dinao go lwantsha TB, a kaya fa maikaelo a lephata la botsogo le boitekanelo e le go bona ka ngwaga wa 2035 TB e nyeleditswe gotlhelele.
E re ka jaana go lemosegile fa gantsi TB le mogare wa HIV e le di ya thoteng di bapile, Mme Mandevu o boletse fa puso e dirile maiteko a a bonalang go tsibogela malwetse oo-mabedi, a re thulaganyo e mo go yone ope yo o tshwarwang ka mogare wa HIV a akarediwang mo kalafing ya diritibatsi gone foo, e thusa go fokotsa TB.
A re ka moo, go mo maruding a mongwe le mongwe go itlhatlhobela malwetse go bona kalafi ka nako, ka e bile puso e simolodisitse tiriso ya metshine e e ntshang maduo a TB mo malatsing a le mabedi go na le pele mo maduo a neng a tswa mo malatsing a supa.
Fa a nankolela batsayakarolo ba moletlo ka maikaelelo a letsatsi leo, moeteledipele wa dikokelo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Mavis Motshelanoka o ne a re ke go tla go tsibosa setshaba ka dikgang tsa bolwetse jwa kgotlholo e tona le go abelana megopolo ka fa bo ka kganelwang ka teng.
Mme Motshelanoka a re maikaelelo a mangwe ke go konotelela moono wa mafatshefatshe wa go leka go lwa ka gotlhe go emisa TB.
A re e le ba lephata la botsogo le boitekanelo, letsatsi leo le ba fa sebaka sa go bona bomme Grace Mpofu le Thapelo Million ba a fa bopaki ka fa ba falotseng bolwetse jwa TB ka teng, ba supa fa ba kgonne ntwa eo ka kemonokeng ya ba malwapa a bone le gone go tsaya kalafi ka fa go tshwanetseng ka teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : JACKALAS NO 2
Event : segopotso sa bolwetse jwa kgotlholo e tona
Date : 25 Mar 2018






