Makgotla a Setswana a aba melora
25 Mar 2018
- E ne ya re ka Mopitlo 22, ba ofisi ya makgotla a Setswana kwa Letlhakeng ba abela ba lelwapa loora Selelo kwa Kaudwane dilwana tsa itshetso tsa mo lwapeng di akaretsa melora e e tlhapang le e e tlhatswang, ditlolo le tse dingwe e le tsela nngwe ya go supa fa ba kgathalela bangwe ka bone ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng.
E rile a amogela baeng kwa modirong oo, Kgosi Tsholo Segwaba wa Kaudwane a tlhalosetsa ba lelwapa leo fa ba le lesego gareng ga boidiidi ka jaana ba lephata leo ba kgonne go nopola bone magareng ga bontsi jo bo tlhokanang le thuso eo.
O ne a boa a leboga lephata leo go gopola motse wa gagwe, mme a re seo se tshwanetse ka jaana lephata leo le aname mme go sena motse o le seong kwa go one, mme a kopa baabelwa go dirisa dilwana tseo ka kelelelo.
Kgosi Segwaba o ne a kopa jalo ka jaana a re go setse go tlwaelesegile mo motseng oo gore batho ba ba thusiwang ka dithuso tse di farologaneng ba di dirisa botlhaswa mme di felele di sa ba solegela molemo jaaka baabi ba tsone ba ne ba solofetse.
A re botlhaswa joo bo akaretsa go di rekisa, mme e bile e le ka madi fela a a kwa tlase mme a re go dira jalo go kgatlhanong le mowa wa setho o baabi ba a bong ba aba ka one.
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Kaudwane, Mme Esther Maotwanyane le ene o ne a supa boitumelo go bo ba lephata la makgotla a Setswana le abetse lelwapa leo.
O ne a supa fa bana ba lelwapa leo ba sa tsene sekole sentle ka ntlha ya letlhoko, mme a re tsholofelo ke gore jaanong seemo seo se tlaa tokafala.
Mme Maotwanyane o ne gape a kopa banni ba Kaudwane gore kabo eo e nne kgwetlho mo go bone gore le bone ba ititeye ka thupana go thusa bangwe-ka-bone ba ba dikobo dikhutshwane.
Modulasetilo wa komiti ya itshidilo ya lephata leo, Mme Naomi Banyatsi o ne a tlhalosa fa ba ne ba remelela thata mo go abeng dilwana tseo ka jaana ba ne ba lebile bogolo jang bana ba sekole ba ba mo lelwapeng leo gore ba kgone go tlhapa sentle ba ya sekoleng.
A re seabe seo sa bone e ne e le tsela nngwe ya go imolola lephata la boipelego ka jaana e le lone le rweleng mokgweleo wa go thusa Batswana ba ba dikobo dikhutshwane.
Mme Banyatsi o ne a tlhalosa fa maikaelelo a bone e le lephata e ne e le go thusa bontsi mo motseng oo, mme a re se setona ke gore ba ne ba ikanapa dipata e le babereki.
Lelwapa leo le na le bana ba ka feta lesome mme bontsi jwa bone bo dule mo sekoleng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Olekantse Sennamose
Location : LETLHAKENG
Event : Kabo dimpho
Date : 25 Mar 2018






