Breaking News

Bogogi bo amogela pulo ya ofisi ya dipalo

25 Mar 2018

Makhanselara mangwe a Bokone Bophirima a galaleditse maiteko a ba lephata la Statistics Botswana a go bula ofisi mo Maun e le tsela nngwe ya go atameletsa banni ditirelo.

Ba re bogogi jwa ofisi eo bo tsere tshwetso e e maleba ka jaana ba lemoga botlhokwa jwa gore banni ba akole ditirelo go sena tshokolo.

 Ba supile jalo morago ga pego ya bodiredi jwa ofisi eo jaaka bo ne bo begela khansele  ka tshwetso ya go bula ofisi mo Maun le gone go ba nankolela ka ditirelo tse di tlaa neelwang morafe ke bodiredi.

Makhanselara a re a ntse a sokala go bona thuso ka jaana lephata leo le na le diofisi di le pedi fela kwa Gaborone le Francistown, ka jalo ba ne ba tlamega go kopa thuso ka mogala.

Ba supa fa ofisi eo e le botlhokwa mo itsholelong ya lefatshe ka jaana e dira dipalopalo tsa mehama e e farologanyeng.

Mokhanselara wa kgaolwana ya Bojanala, Rre Luke Motlaleselo o ne a sa kgale mathe go leboga bogogi a re bo diretse banni ba Ngamiland tiro motlhofo ka jaana e ba kgaotse maoto go tsamaya mosepele o moleele go latela dithuso.

Mokhanselara wa Shakawe Borwa, Rre Lesedi Boy le ene o ne a iteela kobo moroko a supa fa lephata leo le dira namane e tona ya tiro mme go lebega ba ntse ba ganelela mo ditoropong.

O kopile bodiredi go anama le kgaolo go rera efangedi a re go botlhokwa gore morafe o tlhaloganye sentle gore mangmang wa tiro ya bone ke eng. A re seo se tlaa oka banni gore ba ba eme nokeng gore ba kgone maikaelelo a bone.

E ne e rile go le pele, mogolwane go tswa kwa Statistics Botswana, Mme Boitumelo Gaongwalelwe a tlhalosa fa ofisi eo e tlaa bulwa Motsheganong a rogwa.

O boletse fa tshwetso eo e tserwe jalo e le go diragatsa maitlamo a puso a go atumeletsa banni ditlamelo, a tlatsa ka go re kgaolo ya Bokone Bophirima e ntse e thusiwa ke ofisi ya Francistown.

Ka jalo, a re ofisi ya Maun e tlaa bo e thusa kgaolo ya Ngamiland le Chobe, a tlatsa ka go re maikaelelo magolo ke go fefosa tiro le gone go fokotsa  ditshenyegelo tsa bodiredi ka jaana ba ne ba tshwanelwa ke go ya dikgaolong go ya go dira dipalo.

Gantsi ofisi eo e itsege ka palo batho e e dirwang morago ga dingwaga tse di lesome mme Mme Gaongwalelwe o boletse fa gape ba anamisa kitso kana melaetsa ka tsa kgwebo, bojanala le tse dingwe dikgang.

A re melaetsa kana dipatlisiso tseo di buletse batsayakarolo botlhe e ka nna magosi, baitseanape, maphata a puso le a a ikemetseng ga mmogo le setshaba ka kakaretso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : MAUN

Event : Pego

Date : 25 Mar 2018