Dipula di dirile go swela
22 Mar 2018
Dipula tsa matsorotsoro tsa bosheng kwa Bokone Botlhaba di sentse malwapa a le masome mararo le borataro.
Modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba, Mme Florah Mpetsane o boleletse phuthego ya khansele ka Mosupologo gore Gulubane ke ene a amegileng thata ka malwapa a le 13 a senyegile, a salwa morago ke Mambo ka malwapa a fera bongwe.
Mme Mpetsane a re ditante di le 14 di setse di abetswe batho go thusa ba ba amilweng ke dibetso tsa tlholego, a tlatsa ka go re komiti ya dibetso tsa tlholego ya kgaolo e tsweletse ka go dira dikanoko.
Modulasetilo o ne a lebogela komiti eo ya dibetso tsa tlholego bonatla jwa yone le boineelo jwa go tlhomamisa gore mongwe le mongwe o sireletsegile.
O rotloeditse batho go itisa kgatlhanong le bolwetse jwa Malaria jo bo ka nnang jwa tlhagoga ntateng ya dipula tse di gosomaneng mme tsa tlhogisa bojang jo bontsi mo kgaolong.
Mme Mpetsane o rotloeditse setshaba go tsaya dikgato tse di lebaneng di akaretsa go kgaola bojang go fokotsa go tsala ga monang.
Modulasetilo o ne a bolela fa kgaolo e ne ya nelwa ke dipula morago ga nako go na le jaaka go tlwaelesegile, mme seo sa baka gore balemi ba simolole go lema morago ga nako le ka yone kgwedi ya Mopitlo tota.
O boletse fa go setse go lemilwe ditema di ka nna 5 000, tse e leng gore di kwa tlase fa go tshwantshanngwa le dingwaga tse di fetileng.
Mo go tse dingwe, a re kgotlhang fa gare ga batho le diphologolo e santse e le teng mo kgaolong eo ka ditlou e le tsone di dirang tshenyo e ntsi mo dithotong tsa balemi-barui.
O tlhalositse fa dikgato tsa thibelo tshenyo di ne tsa tsewa jaaka go gasagasa pherefere mo go tlaa dirwang kwa Matsiloje, Ditladi le Patayamatebele.
O boletse gape gore setlhopha sa badiredi ba fera bongwe ba taolo ya diphologolo ba ne ba isiwa kwa Matsiloje go simologa ka Tlhakole, go thusa go laola diphologolo.
A re phimolo keledi ya balemi-barui ba ba neng ba senyediwa ke diphologolo tsa naga e tsweletse mme go setse go duetswe P109 640, a duelelwa ditshenyo di le masome matlhano.
O boletse gape gore kgaolo ya Bokone Botlhaba e ne ya bona maemo a ntlha mo lefatsheng leno lotlhe mo go direng sentle mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa ka ba fentse ka selekanyo sa masome a fera bobedi le sephatlo mo lekgolong, a tlatsa ka go re kgaolo eo ga e bolo go itsetsepela mo maemong ao fa e sale 2012.
A re maduo a mantle ao a tshwanelwa ke go lebogwa go lemoga tiro e ntle ya barutabana le baithuti.
Mo ditlhatlhobong tsa mophato wa boraro, a re kgaolo ya Bokone Botlhaba e ne ya bona maemo a bobedi mo lefatsheng leno lotlhe, ka e fentse ka masome a mane le boferabobedi fa go tshwantshanngwa le masome a mane le bone le sephatlo mo ngwageng wa 2016.
Mme Mpetsane o supile gore mo ditlhatlhobong tsa BGSCE, sekole se segolwane sa Masunga se ne sa fenya ka masome a mararo le boraro mo lekgolong, ka jalo sa bona maemo a bone mo lefatsheng leno lotlhe.
O boletse fa dikole tsa Materspei College le Francistown senior le tsone di dirile bontle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : MASUNGA
Event : Phuthego ya Khansele
Date : 22 Mar 2018






