Lenaneo le kgona maikaelelo a lone
22 Mar 2018
Phuthego ya khansele ya kgaolo ya Borwa e boleletswe gore thulaganyo ya go rudisa itsholelo (ESP) e kgonne maikaelelo a yone, ka e kgonne go fefosa ditiro tsa melala tse di neng di saletse kwa morago mo kgaolong eo.
Modulasetilo wa khansele ya Borwa, Rre Alec Seametso o boletse jalo fa a ne a bula semmuso phuthego ya khansele ya Borwa ka Mosupologo.
A re lenaneo leo le setse le tlhamile diphatlha tsa mebereko.
A re le fa go ntse jalo, kgaolo e santse e na le melala ya ditiro tse dingwe tse di saleng di ema ka bo 2016/17 ka dikonteraka tse di neng di abetswe ditiro tseo di ne tsa palelwa ke go di fetsa.
Rre Seametso legale o tlhalositse gore khansele e kgonne go thapa dikonteraka tse disha mme jaanong ditiro tse di saletseng morago tseo di gaufi le go wediwa.
Ditiro tseo di akaretsa go wediwa ga kgotla ya Sekhutlane, go agwa ga ntlwana ya borutelo kwa Khonkwa le Betesankwe le sekole se sebotlana sa Sekoma.
Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Seametso o tlhaloseditse phuthego ya khansele ka go atlega ga go gokela motlakase kwa dikoleng tse dipotlana tsa Seherelela, Tsonyane, Thankane, Mahotshwane le Kanaku.
O boletse gape fa go tsentswe dipone tsa mekgwatha kwa Pitsane, Khakhea, le Kanye gammogo le dipone tse dingwe tse di bonesetsang kgakala kwa dikoleng tse dipotlana tsa Ranaka, Lekgolobotlo, Magotlhwane, Kgomokasitwa, Kutuku le Lefhoko.
Mo go tsa metsi, mokhanselara Seametso o ne a amogela fa go na le tlhaelo ya metsi kwa Kanye, seemo se a reng se amile ditlhabololo kwa Kanye le Moshupa.
A re go na le mafelo a metsi a seong gotlhelele kwa go one, bogolo thata kwa mealong e mesha ya ditsha.
O boletse gore tlhaelo eo ya metsi gape e mo metseng ya Lotlhakane East, Gasegwagwa, Lorolwane, Moshana, Lotlhakane West, Ralekgetho le Tshwaane.
O tlhomamisitse fa khansele e leka ka bojotlhe go baakanya seemo seo, se a rileng nako nngwe se bakwa ke gore metsi a a mo ditankeng a retelelwa ke go phatlalala le motse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : KANYE
Event : Phuthego ya Khansele
Date : 22 Mar 2018






