Breaking News

Ba kopiwe go tsaya komiti tsia

22 Mar 2018

Maloko a komiti ya diphathi tsa sepolotiki, maphata a puso le mekgatlho ka go farolagana (party liaison committee) ba kgaolo ya Nkange ba kopilwe go tsaya komiti eo tsia.

Kopo eo e ntshitswe ke mothusa molaodi wa kgaolo-potlana ya Tutume, Rre Kabelo Tshekiso kwa phuthegong ya komiti eo kwa Tutume ka Laboraro.

Rre Tshekiso a re maloko a komiti eo ke bone fela ba ka agang le go dira gore e nne le mosola le boleng go na le go supasupana ka menwana.

A re komiti eo e na le mosola, ke ka moo e akaretsang makgotla ka go farologana go tshwaraganela dikgang tse di amang ditlhopho ka go abelana megopolo ka fa ba ka tokafatsang ka teng dilo mo tsamaisong ya ditlhopho.

O kgadile ba ba nang le dikakanyo le megopolo ya gore komiti eo ga e na boleng ntswa ba le maloko.

A re ke bone ba ka agang komiti eo go nna le boleng e seng ope gape.

O ne gape a kgala tiriso ya mafoko a a tlhaselang kana a gogomosa maikutlo.

A re ba lemoge fa maloko mangwe, bogolo jang badirelapuso le mekgatlho e mengwe ba sa tlwaela mafoko a a buiwang ke batho ba le ka fa tlase ga ditlhare, ka jalo a ba kopa go ipetla ka moremogolo go betlwa wa taola.

O ne a supa fa bokopano joo bo le mosola ka e se jwa go tlhaselana kana go supasupana ka menwana mme e le jwa go tsisa mowa wa neelano le go rotloetsa puso ya batho ka batho ka go abelana megopolo.

Mogolwane wa lekgotla le le ikemetseng la ditlhopho kwa kgaolong-potlana ya Tutume, Mme Basadi Ntshutelang o ne a lekodisa komiti eo ya PLC ka melawana e e baakantsweng ya ditlhopho, e e tshwanang le ya go baakanya pampiri ya ikwadiso ditlhopho gore go nne le fa go kwalwang megala ya tlhaeletsanyo teng.

Mme Ntshutelang a re pampiri eo e ntse e sena ntlha eo e le lefelo le aterese fela mme seo se ne se ba ketefalela e le ba lekgotla la ditlhopho go batla kana go latedisa motho fa ba lemogile phoso nngwe fa a ikwadisa.

O ne a abelana le batsaya karolo ka setlhogo sa mmuso wa batho ka batho le go thibela dintwa.

A re kgang ya ditlhopho e tlhokana le go dirwa ka matsetseleko, go direla dilo mo pontsheng go tila ditlamorago tse di bakwang ke dikgang tsa ditlhopho.

O gateletse ka go re, Batswana ba tswa goo Lowe ba tshegeditse dingwe tsa diane tsa ntwa-kgolo ke ya molomo kana mmualebe o bua la gagwe gore mo na lentle a le tswe go tsweledisa mowa wa kagiso le thokgamo.

Komiti eo e supile fa e etsaetsisiwa ke go baakanngwa ga melawana ya ditlhopho ntswa go santse go na le kgang e e kwa makgotleng a ditsheko ya tiriso ya motshine mo ditlhophong tse di tlang.

Rre Bigani Kgomotso wa UDC a re seo ka bo sone se supa fa go sena puso ya batho ka batho ka puso e tsweletse ka go baakanya ditsetla tsa tiriso ya motshine e sa rekegele megopolo le dikopo tsa batho.

Moruti Segomotso Chokwe o ne a leboga tshwaragano le tirisanyo mmogo ya Batswana.

A re le fa ba farologana ka diphathi tsa sepolotiki ba santse ba tshegeditse kagiso le thokgamo e e saleng e thailwe ke mabutswapele.

Moruti Chokwe o ne a kopa Batswana go bua le bana le go ba ruta  gore ntwa kgolo ke ya molomo e bile gape ntwa ga e rarabolole sepe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Phuthego

Date : 22 Mar 2018