Morupisi o abela kereke
21 Mar 2018
Phuthego ya Spiritual Healing kwa Mookane e gwetlhilwe go disa le go sireletsa kereke kgatlhanong le masula a a ka e thubang a bo a dira gore go nne le tshenyo ya madi.
Seo se builwe ke mokwaledi mogolo mo ofising ya ga Tautona le bodirela puso, Rre Carter Morupisi fa a ne a wetsa motsamao o o duelelwang wa dikhilomithara tse some ka Matlhatso.
Rre Morupisi o boletse gore dilo tse di tshwanang le go lwela maemo ga baruti le go nwa bojalwa ke mangwe masula a kereke e tshwanetseng go leka bojotlhe go a nyeletsa.
O gakolotse Bakeresete go leka bojotlhe jo ba ka bo kgonang go tshela matshelo a a boitshepo ka fa thatong ya Modimo.
Rre Morupisi a re lefatshe leno le lebaganwe ke kgwetlho ya go oketsega ga borukutlhi ntateng ya go itontela bojalwa le ditagi tse gantsi di dirwang ke banana.
A re moono wa motsamao oo, o ne wa akanngwa thata ka o ne o rotloetsa makgotla a tumelo go rotloetsa banana go emisa go nwa bojalwa le go dirisa ditagi ka go ba gogela kwa dikerekeng le mo ditirong tse di amanang le dikereke.
Rre Morupisi a re puso e dira ka natla go thibela banana go inaakanya le dino le ditagi.
A re motsamao o file kereke le setshaba sebaka sa go ema ka dinao ba tlhabantsha mekgwa e e maswe.
O ba kopile gore ba dirisanye le puso go itepatepanya le koketsego ya botlhokatsebe mo bananeng ka go ba ruta lefoko la Modimo le botlhokwa jwa go ineela mo Modimong.
A re motsamao oo o ne o itebagantse le go thusa kereke go kgobokanya madi go aga lekadiba le le kolobetsang le go baakanya dikago.
O akgoletse kereke go rulaganya tiragalo eo ka e tlaa thusa kereke go gola ka go okela banana go nna bontlha bongwe jwa phuthego.
Rre Morupisi o ne a abela kereke eo P10 000 go thusa mo ditirong tse kereke e di akantseng a bo a gakolola baphuthegi go tswelela ba leboga molemo o Modimo o o direlang lefatshe leno.
Rre Morupisi o ne a gatelela mosola wa mmele o o itekanetseng a re malwetse a a sa tshelanweng mo gompienong ke one a gomagometsang botshelo jwa batho mme jaanong metsamao e e tshwanang le o ba neng ba o tsamaya ga e kake ya thusa kereke fela ka go kgobokanya madi mme gape e tlaa nna le seabe se sentle mo botsogong jwa bone.
Bishop Bampoloki Rantsudu o ne a gakolola maloko a kereke go nna tlhaga mo itshidilong mmele.
A re batho ba tshwanetse go tlogela go tsaya melemo fa ba utlwa botlhokonyana mo mmeleng, a tlatsa ka go re go itshidila mmele go fodisa makoa a mmele ka bontsi.
O ne a ikuela mo kerekeng gore jaaka ba kopa dithuso mo go ba bangwe ka go dira metsamao e e duelelwang, ba tshwanetse ba di goga kwa pele ka go ntsha madi a magolwanyane ka gore balalediwa ba ka tlaleletsa fela mo go se ba se kgobokantseng.
E re fa go santse go le jalo, Moruti Kabo Baitshenyetsi a re kereke e tshwenyegile ka masula a a lebaganeng setshaba, bogolo thata ka palo ya banana kwa dikerekeng e fokotsega.
Moruti Baitshenyetsi a re Mopitlo ke kgwedi ya banana kgatlhanong le HIV\AIDS, ka jalo kereke e bone go tshwanela go rotloetsa banana go nna le seabe mo go tlhabantsheng bolwetse joo.
O boletse gape gore phuthego e mo tirong ya ngwaga le ngwaga ya go kgobokanya madi go duelela ditiro tsa kereke.BOKHUTLO
Source : bodirela puso
Author : BOPA
Location : MAOKANE
Event : twantsho borukuthi
Date : 21 Mar 2018






