Somarelang dimpho - mothusa mmatoropo
21 Mar 2018
Mothusa mmatoropo wa Lobatse, Rre Francis Mokwena o gakolotse bodiredi le baithuti ba sekole se sebotlana sa Bothakga mo Lobatse go somarela le go tlhokomela dimpho tse ba di abelwang.
Rre Mokwena o buile mafoko ao ka Labobedi jaaka baithuti ba tsa ditlhaelatsanyo ba sesole sa Botswana ba ne ba abela sekole seo dimpho tse di akaretsang dihoko tsa dikgaka, dipidipidi, mebutla le dikolobe le paka ya tsa metshameko.
Mothusa mmatoropo o boletse gore dimpho tse di maleba ka jaana baithuti ba sekole se ba bangwe ke ba-na-le bogole, a tlatsa ka go re fa ba sa kgone, dithuto tsa tlwaelo ba ka ithuta go dira ka diatla ba ntsha maduo.
Mo go tse dingwe Rre Mokwena o iteetse ba sesole sa Botswana legofi, a re dimpho tse ba di abang tse di supa gore ba itse mosola wa thuto ka bophara, ka gore ba leka go nonotsha le go nosetsa modi wa thuto.
A re go ka nna botlhokwa thata mo baithuting ba ba sa kgoneng, mme ba kgona go dira ka diatla, a tlatsa ka go re maikaelelo a thuto ke go ntsha batho mo lehumeng.
Mogolwane go tswa kwa go ba sesole, Lt Jeoffrey Budani, a re ba itumeletse go rolela baithuti dimpho tse gore ba ithute le go dira ka diatla .
A re ke maikaelelo a bone ke gore ba thuse setshaba.
Lt Budani a re thuto ke lesedi, thuto ke boswa mme ya diatla yone ke e motho a ka itshetsang ka yone.
Mogolwane go tswa kwa lephateng la thuto, Rre Chidesta Moselakatane a re go ruta baithuti ba ba nang le bogole ga se tiro e e e bonolo, mme a akgola botlhe ba ba nnileng le seabe go abela sekole seo le baithuti gore ba ithute ka tsa temo-thuo, a tlatsa ka go re dimpho tse di tlaa tokafatsa maduo.
A re e le ba lephata la thuto ba rotloetsa mowa wa go thusa dikole ka lenaneo la go itlhophela sekolo go se tlhokomela mme a leboga thata Rre Shima Ranna yo o tlhokomelang sekole seo sa Bothakga.
Kabo dimpho eo e ne e akaretse hoko ya dikoko e e setse e na le dikolobe di le thataro, e abilwe ke mokhanselara yoo o itlhophetsweng ke tona, Rre Phetogo Kgotlhwane, hoko ya dikgaka go tswa mo go ba sesole dipidipi le mebutla ka thuso ya ga mme Betty Malebye.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE
Event : kabo dimpho
Date : 21 Mar 2018






