Breaking News

Ditlhwatlhwa tsa dikoko di kwa tlase

21 Mar 2018

Ditlhwatlhwa tse di kwa tlase tse dikoko tsa Setswana di rekwang ka tsone le madi a baagi ba dihoko tsa tsone ba a duelwang, di kgoreletsa lenaneo la nyeletso lehuma.

Ke gone ka moo maphata a ofisi ya ga Tautona le bodirela puso le la temo-thuo a kopilweng go sekaseka ditllhwatlhwa tsa dikoko tsa Setswana.

Mogolwane mo ofising ya ga molaodi mo kgaolong ya Borwa Botlhaba, a lebagane le ditlhabololo, Mme Gosego Jotia o boletse jalo fa a ne a ntsha pego ya ditlhabololo tsa kgaolo kwa phuthegong ya khansele ya Borwa Botlhaba kwa Ramotswa bosheng.

O boletse gore go diragadiwa ga thulaganyo ya go reka dikoko tsa Setswana ka lenaneo la Ipelegeng go kwa tlase ka gore batho ba ba nang le tsone ga ba batle go rekisetsa lenaneo leo dikoko tsa bone ka madi a a kwa tlase.

Ka ntlha e nngwe gape, baagi le bone ga ba na kgatlhego ya go aga dihoko tsa dikoko ka madi a mannye.

Jaanong komiti ya ditlhabololo tsa kgaolo e dumela gore tlhwatlhwa ya gompieno ya P55 koko e namagadi le P65 e tonanyana di okediwe go nna P100 koko e namagadi le P150 koko ya poo, fa dituelo tsa moagi wa hoko tsone di tshwanelwa ke go fuduga mo go P800, go nna P1500.

Mme Jotia a re fa esale lenaneo la nyeletso lehuma le simologa mo kgaolong eo, batho ba ba 2 795 ba ba lebaneng go ka thusiwa ka lenaneo leo ba ne ba amogela dithuto mme ba le 1 841 ba setse ba kanokilwe mme ga fitlhelwa ba le 1 619 e le bone fela ba tota ba tshwanetseng go ka thusiwa ka nyeletso lehuma.

O boletse gore batho ba le 743 ba bone dithuso tsa madi go simolola dikgwebo mme ba lebanwe ke dikgwetlho tse di jaaka go tlhoka go tlhoafalela ditiro ga batho ba ba thusitsweng, go tlhoka kwa ba ka rekisang teng, go tlhoka go nna le boitemogelo jwa madirelo a ba thusitsweng ka one le tlhaelo ya dikoko tsa Setswana.

Mme Jotia o boletse gore kgaolo e tsweletse ka go ema nokeng ba ba amogetseng dithuso le gone go laela maphata a puso go ba fa ditiro.

Batho ba ba amogetseng dithuso bao gape ba neelwa dithuto tsa tsamaiso kgwebo le go tshwara dibuka tsa kgwebo le gone go ba etela kgapetsakgapetsa tota.

Mabapi le go naya bomme dithatsa tsa itsholelo, o boletse gore ditiro di le 28 di ne tsa fiwa madi mo kgaolong.

A re ditiro di le 19 di tsweletse di dira sentle, fa tse dingwe tse pedi di santse di diragadiwa a bo a tlatsa ka go re ditiro tseo di tlhametse batho ba le 66 mebereko.

 Mo go tsa temo-thuo, o boletse gore kgaolo e ne ya amogela dipula tse di kwa tlase gape di netse moragong mme seo sa ama balemi-barui.

Ka jalo o ne a re kgaolo e solofela maduo a a kwa tlase a temo-thuo ngwaga ono.

Modiri yoo wa ditlhabololo tsa kgaolo o boletse gape gore tlhaelo ya dikotla mo kgaolong e mo seelong sa lefatshe leno sa boraro mo lekgolong, a tlatsa ka go re maiteko a a teng a tlaa tsweledisiwa go tokafatsa seemo sa dikotla mo kgaolong.

Le fa go ntse jalo, a re ga a a itumedisiwa ke gore go nnile le tlhaelo ya dijo tse di tshwanang le tsabana, malutu le mafura mo setlheng seno sa ngwaga.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bonang Masolotate

Location : RAMOTSWA

Event : Posolotso

Date : 21 Mar 2018