Breaking News

Banyana ba filwe mesangwana

21 Mar 2018

Bomme ba moepo wa Orapa, Letlhakane le Damtshaa ba ba kgweetsang dikatakata ba abetse basetsana ba sekole sa Makgadikgadi  JSS kwa Mosu mesangwana e e jeleng P9 300.

Mogolwane wa badiri wa  ba maranyane ba moepo, Mme Onkutlwile Motlogelwa a re ba dirile jalo ka e le moono wa kompone ya bone go abela setshaba.

A re ba ne ba tlhopha sekole sa Makgadikgadi ka se na le bana ba ba nnang mo sekoleng e bile bontsi e le ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng.

Mme Motlogelwa yo e leng monana, o ne a kgothatsa  bana a tlhalosetsa gore motho o ntshwanetse a itse gore o batla go ya kae mo botshelong le gore o tlhoka go dira eng gore a kgone toro ya gagwe.

A re ba ka kgona ditoro tsa bone fela fa ba ka tlhoafalela dithuto, ba tlhopha ditsala tse di siameng, go akanyetsa kwa pele le go bereka ka natla ka nako tsotlhe.

Mme  Motlogelwa a re ba tshwanetse ba netefatsa gore ba dirisa nako ya bone ya botshelo  sentle e bile ba fa dilo tse di botlhokwa  nako e ntsi.

O ne gape a re ba seka ba itlhoboga le fa ba na le dikgwetlho di seka tsa ba kgoba marapo ba di fenye ka gore thuto ke yone  fela e ka fetolang matshelo a bone.

E rile a ba amogela ga mmogo le go lebogela dimpho, mogokgo wa sekole sa Makgadikgadi,  Mme Keikagetse Mosokomane  a tlhalosa gore sekole sa bone se tsaya bana ba metse e le metlhano e mengwe e le e e kgakala le ditlamelo.

Mme Mosokomane a re badiri ba moepo ba dirile tiro e tona ka jaana letlhoko la mesangwana le kgoreletsa bana go ithuta, a tlhalosa gore dimpho tse di mosola fela thata mo matshelong a bana.

Mme Mosokomane o tlhaolsitse gore palo e ntsi ya bana ba sekole se ke ba ba nnang mo sekoleng e bile ke ba ba thusiwang ke khansele.

O  tladitse gape ka go re ba na le tlhaelo ya barutabana.

Mongwe wa badiri ba moepo, Mme Gloria Sebaka o ne a rotloetsa bana go itse mebele ya bone gore ba tle ba lemoge fa go na le diphetogo.
 

Mme Sebaka o ne bua jalo a supa gore malwetse a mantsi a e bileng a ama le bone bana a tshwana le bolwetse jwa sukiri, kankere le a mangwe.

 Kgosi wa toropo ya Orapa, Mme Christinah Moloi  yo o neng a eme nokeng bomme ba  o ne a kgothatsa bana, a supa gore motho mongwe le mongwe o na le bokgoni.

A re ba seka ba tlhabisiwa ditlhong ke seemo sa botshelo jwa bone e bile se seka sa ba kgoba marapo.

Kgosi Moloi a re ba seka ba itlhoboga e bile ba gatelele botlhoki bo seka jwa ba gatelela, a tlatsa ka go re yo o bokoa  mo dithutong  a itsalanye le batho ba ba botlhale.

Mme moloi a re botshwakga ke mmaba mo thutong, ka jalo a ba rotloetsa  go tsaya dithuto tsa bone ka tlhoafalo.

Mongwe wa baithuti,  Atlasaone  Abofilwe  o ne a leboga badiri ba moepo go bo ba ba abetse dimpho e bile ba ba file dithuto le dikgothatso tse di mosola.

Atlasaone a re o solofela gore baithuti  ba tlaa di dirisa go ikaga  le go fetola matshelo a bone.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Sesotlegeng

Location : MOSU

Event : kabo dimpho

Date : 21 Mar 2018