Breaking News

Balwetsi ba tlhoka go fiwa lorato

20 Mar 2018

Mooki  yo o lebaganyeng le lenaneo la tlhokomelo ya balwetse kwa malwapeng, Mme Kegomoditswe Ramotswetla a re balwetse ba tlhoka go fiwa lorato, tsholofelo le kamogelo.

Mme Ramotswetla o buile jalo kwa moletlong o o neng o rulagantswe  ke badiri ba kokelwana ya Mokubilo le baithaopi ba ba tlhokomelelang balwetse kwa malwapeng o o neng o tshwerwe kwa motseng oo ka Labone.

A re go le gantsi fa motho a lwala mme a sena tlhokomelo e e lolameng le kgothatso o latlhegelwa ke tshepho ya botshelo, ka jalo a re lorato, tumelo, tlhokomelo le go kgathala ke motheo wa go oka molwetse.

Mme Ramotswetla a re fa dilo tse di le teng molwetse o ikutlwa a itekanetse mo tlhaloganyong le mo moweng a na le tumelo le botsalano mme a tshele ka boitumelo le fa go sena kalafi.

O ne a tlhalosa gore maikaelelo a letsatsi le e ne le go tlhola le balwetse  ba leka go busetsa tsholofelo mo go bone gore ba lese go akanya gore botshelo bo fedile, le go ba bontsha gore batho ba kgathala ka bone.

Mme Ramotswetla o ne a tlhalosa gore go oka ga se selo se se motlhofo ka gore mooki o nna fela a tlhokometse molwetse a sa kgone go dira ditiro tsa gagwe ke ka moo go nang le lenaneo  le la baithaopi ba ba tlhokomelang balwetse kwa malwapeng ba ba thusa mo diemong  tse di farologanyeng.

O ne a rotloetsa balwetse go sala morago ditaelo tsa ba bongaka ba tsaya melemo ka nako le sebaka se se beilweng, a tlatsa ka go re fa go na le sengwe se ba bongaka ba batlang go se dira le fa se le  bokete  ba reetse mabaka.

Moruti wa Kereke ya Calvary Prevailing Assembly, Bisho Charles Mahube a re bone ba rapelela balwetse  fela ga ba ba  tlogedise  melemo. Bishop Mahube o ne a rotloetsa balwetse gore ba ikanye  Modimo ka gore ke ene a fodisang.

Moruti Thomas Maphane o ne a supa gore ba tsile go tsosolosa balwetse mo moweng ka gore fa mowa o sa iketla mmele le one o a koafala.

Rre Maphane a re balwetse ga ba a tshwanela go kgethololwa ka gore ga ba a dira molato ope go bo ba lwala.

O ne a ba kgothatsa gore ba ikgaphe mo go diriseng  melemo ya setso ba ye  dikokelong, gape ba tsee dikgakolo tsa botsogo tsia.

Mongwe wa balwetse  Rre Opasitse Rebagago o ne a leboga bogogi jwa motse, baithaopi ba ba tlhokomelelang  balwetse kwa malwapeng le ba botsogo a re ba botlhokwa.

Rre Rebagago a re o kgonne go nna botoka ka ntlha ya go sala morago ditaelo tsa ba bongaka  le tlhokomelo ya baithaopi.

O ne a rotloetsa balwetse ba bangwe  gore ba seka ba tlhakanya dipilisi le ditagi, a tlatsa ka go re dipilisi ke botshelo ba seka ba tshameka  ka tsone ba emisa go di tsaya. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : MOKUBILO

Event : Moletlo wa baithaopi

Date : 20 Mar 2018