Breaking News

Maduo a dikole tse dikgolwane ga a itumedise

20 Mar 2018

Mothusa tona wa thuto go tswa kwa moding, Rre Moiseraela Goya a re lephata la gagwe ga le itumedisiwe ke seemo se se diragalang se baithuti ba dirang sentle kwa dikoleng tse dipotlana mme e re ba ya kwa go tse dikgolwane ba bo ba sa dire sentle.

 

O buile jaana kwa moletlong wa go ipelela maduo a lekwalo la bosupa a sekole se sebotlana sa Kukubye mo Lerala. Sekole seo se dirile maduo a 85.1% a 2017 mme a 67.4% ka 2016. 

 

Rre Goya a re go a swabisa gore maduo a dikole tse dikgolwane bogolo jang tse di fa gare a bo a sa itumedise ntswa dikole tse dipotlana di dira botoka.

 

A re bontsi jwa baithuti ba dira sentle kwa dikoleng tse dipotlana mme fa ba tsena kwa go tse dikgolwane go bo go sa itsewe gore go diragetse jang. 

 

A re go le gantsi baithuti ba ba dirileng sentle, bogolo jang ba ba tsereng lekwalo la ntlha le la bobedi ba felela ba tsere la boraro kana la bone kana ba palelwa gotlhelele fa ba tsena kwa dikoleng tse dikgolwane. 

 

A re lephata la gagwe le tsenwe ke tsebetsebe ka go ipotswa gore se se a bo se bakwa ke eng. 

 

Le fa go ntse jalo, Rre Goya o ne a phophotha sekole sa Kukubye legetla a bolela fa se dirile sentle mme se ka dira go feta fa. A re go supa fa se ka dira go feta fa ka se kgonne go oketsa maduo a sone ka 17.7% go tswa mo go 67.4%.

 

A re maduo ke mofufutso wa phatla ka a a itirelwa, a a berekelwa ebile ga a tle fela. Ka jalo a re maduo a sekole seo ga a atla ka lesego kana ka phoso mme botlhe bana le seabe ba ne ba a berekela.

 

 O ne a rotloetsa dikole tse dingwe, bogolo jang mo Lerala go tsaya malebela mo sekoleng se.

 

A re puso e tshwentswe ke maduo a a kwa tlase mo dikoleng, ka jalo ga go a nnwa fela ga isiwa mabogo ka kwa morago mme go ne ga batlwa bommantswitswidi ba thuto. 

 

A re bommantswitswidi bao ba ne ba tla ka mokwalo wa ditogamaano mme ke one o o dirisiwang go tokafatsa thuto.

 

Rre Goya a re lenaneo le le bua puo e le nngwe fela le se lefatshe le ikaelelang go se dira. A re lenaneo le le bua gore go ikaegiwe ka batho ba ba nang le dikitsokitso mme laphata la gagwe le bua yone puo eo. 

 

A re lenaneo leo le tswelela lere gore thuto e nne yone e tshwanetse e simolole kwa moding. A re le tswelela gape lare thuto e seka ya nna ya go kwala fela mme e nne thuto e e rutang bana go tsamaisa dikgwebo le gone go dira ka diatla. O ne a re e tswelela gape e re moithuti e nne ene konokono kana pinagare go na le gore morutabana e nne ene konokono jaaka go ne go diragala pele. A re moithuti ke ene a tshwanetseng a bue thata go na le morutabana.

 

Rre Goya a re lephata la gagwe le amogela gore go na le letlhoko mo dikoleng tsa lefatshe leno le tshwana le la didirisiwa jaaka dibuka mme seo ga se a tshwanela go thibela thuto go tswelela. 

 

O ne a supa fa bangwe e re fa ba sa dira sentle ba ntsha mabaka a gore ga gona didirisiwa mme mo dinakong tsa bogologolo maduo a dikole a ne a le kwa godimo mme go sena didirisiwa ka bontsi. A re go a makatsa ka baithuti ba na le ditsompelo di tshwana le maranyane a internet mme di sa dire sentle mme baithuti ba di dirisetsa di sele.  Rre Goya o ne a supa fa thuto e tsena mo moithuting fa a tlhoafaletse thuto.

 

O ne a tsibosa batsadi fa baithuti bangwe ba na le mokgwa wa go senya dikago tsa sekole mme a bolela fa mo nakong eno ere fa moithuti a sentse sengwe kwa sekoleng motsadi e le ene a se baakanyang. O ne a ikuela mo batsading go kgalemela bana gore ba tlhokomele dikago tsa sekole ka di tlaa tswelela di dirisiwa mo isagong.

 

Mokhanselara wa Lerala Botlhaba, Rre Kabo Ketshogile o ne a leboga Rre Goya go bo a ne a bona go tshwanela gore a tle go ipelela phenyo le bone ntswa palamente e tsweletse. 

 

Rre Ketshogile o ne a galaletsa sekole sa Kukubye go bo se ne sa tlhoafala mme sa dira sentle. 

 

A re ntswa sekole seo se na le dingwaganyana se sa dire sentle, se ne se dira sentle thata mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng ebile batsadi ka bontsi ba eletsa gore bana ba bone ba tsene mo go sone. 

 

A re o na le tsholofelo ya gore sekole seo se tlaa boela kwa se neng se le teng.

O ne a gakolola baithuti ba ba neng ba tsena kwa sekoleng sa Kukubye ba mo nakong eno ba dirang lekwalo la ntlha go seka ba itebala mme ba ntshe maduo a a tshwanang le a ba neng ba a ntshitse kwa sekoleng se sebotlana. O ne a ikuela mo go Rre Goya go tsibogela go oketsa matlwana a borutelo ka a tlhaela mo dikoleng.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Lerala

Event : moletlo wa go ipelela maduo a lekwalo la bosupa

Date : 20 Mar 2018