Breaking News

Ipabalelo tseleng e ikaga sesha

20 Mar 2018

Modulasetilo wa komiti ya ipabalelo tseleng mo Kgalagadi Borwa, Mme Tebogo Mashona o kgothaditse maloko a komiti ya ipabalelo tseleng go ema ka dinao  ka go bereka mmogo ba tshwaraganye ba le seopo sengwe  ka  seo se ka thusa mo katlegong  le go isa komiti eo pele mo ngwageng wa madi wa 2018/2019.

 

Mme Mashona o buile mafoko a  bosheng mo dithuto-puisanyong e e neng e rulagantswe ke komiti eo e maikaelelo a yone e neng e le go tla go aga komiti sesha, go buisana  ka tse ba ikaelelang go di dira mabapi le tsa ipabalelo tseleng  le gone go tokafatsa le go baakanya  tse ba sa di kgonang.

 

O kaile fa puso e ne ya simolodisa dikomiti tsa ipabalelo tseleng mo dikgaolong tse di farologanyeng mo lefatsheng leno  mme di bopilwe  ka maphata a puso morago ga gore puso e  tshwenngwe ke dipalo tse dintsi tsa dikotsi tsa tsela  tse di felelang  di gapa matshelo a batho.

 

Modulasetilo o ne a tlhalosa  ka fa komiti e bopilweng ka teng go tswa mo go e tona kwa Gaborone e e okametseng tse di mo dikgaolong a bolela fa  monongwaga e tlaa itebaganya le dikgwetlho le go tswa ka ditharabololo, bogolo jang ka  tse di ka nyeletsang dikotsi le gone go fetisetsa molaetsa mo setshabeng mo Kgalagadi Borwa.

 

Fa a bua mo letsatsing leo, mothusa mookamela mapodisi a pharakano mo Tsabong,  Assistant Superintendent Sefawe Sefawe o boletse fa gantsi  banana, bogolo jang ba borre e le bone ba ba amegang mo dikotsing tsa tsela go ya ka fa ba di gatisitseng ka teng.

 

Assistant Superintendent Sefawe o tlhalosa gore e re le  ntswa ba leka ka bojotlhe  e le ba sepodisi go dira dikganedi tsa tsela kgapetsakgapetsa e le tsela nngwe ya go gakolola le go sireletsa matshelo a  setshaba  mo kgaolong eo bakgweetsi  bangwe bone ba ikgatholosa molao wa tsela mme ba felele ba baka dintsho.

 

Rre Sefawe o kaile fa  dikotsi tse di diragetseng mo Kgalagadi  di ne di le 209 ka 2016, 2017 di le 251, fa ngogola ba setse ba gatisitse di le 31 go fitlha kgwedi eno  mo nakong ya gompieno mme go setse go tlhokafetse batho ba le babedi mo Tsabong le kwa Kang ba le babedi. 

 

Assisant Superintendent Sefawe o boletse fa  gantsi dikotsi tsa  Kgalagadi di diragala thata ka mafelo a beke  kgwedi e fedile ka Labotlhano, Matlhatso le ka Tshipi.

 

A re se se swabisang ke gore  di diragala letsatsi le penne  maphakela go tsamaela kwa  motshegareng  wa sethoboloko.

 

Moeteledipele mo lephateng la dipalamo le ipabalelo tseleng Rre Leoyn Nthebolang fa a bua maikaelelo a letsatsi leo le tsa madi mo komiting eo o boletse fa e le go tla go buisana ga maloko le go dumalana ka tsotlhe tse di tlaa dirwang e le tsela nngwe ya go nyeletsa dikotsi tsa tsela  le go tsibosa setshaba ka tsa ipabalelo tseleng mo kgaolong eo mo ngwageng ono wa madi.

 

Rre Nthebolang yo e leng mokwaledi mo komiting eo  o ne a tlhalosetsa batsayakarolo mo dithuto- puisanong tseo fa madi a a dirisiwang go tsamaisa komiti eo e le  a makgetho a dikoloi mo Botswana le  tse di rekwang go tswa kwa ntle tse di kgethelwang mo melelwaneng le a a tswang mo lekgotleng la mafatshefatshe la United Nations.

 

O kaile fa madi ao a tshwanetse  go elwa tlhoko ke komiti ka dinako tsotlhe ka fa a  dirisiwang   ka teng le mo dithekong tsa  bagwebi go na le bosupi jo bo papametseng e bile go direlwa sengwe le sengwe mo pontsheng le gone o tlhomamisa gore kwa bofelong dipego tsotlhe di isiwa kwa ofising kgolo kwa di rolelwang teng.

Maloko a komiti eo ba ba leng masome mabedi le botlhano ka palo ba ne ba dumalana ka bongwe fela jwa pelo fa jaanong  mo ngwageng ono ba tlaa tsenya marapo dinameng ka go itlama  go diragatsa tsotlhe tse ba di dumalanyeng mo bokopanong joo  le gone go tsena diphuthego tsa komiti nako le nako fa ba di lalediwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Dithuto-puisanyo

Date : 20 Mar 2018