Breaking News

Baithuti ba booki ba akgolelwa boithaopo

19 Mar 2018

Mothusa modulasetilo wa khansele ya Borwa, Rre Thamiso Chabalala o lebogetse banni ba kgotla ya Mathubapula kwa Kanye tshwaragano ya bone le baithuti ba sekole sa ithutelo booki sa kokelo ya Sabata kwa Kanye, ba ba dirang ngwaga wa boraro.

Rre Chabalala o buile jalo a bula semmuso kago e go latlhelwang matlakala mo go yone kwa kgotleng eo ka Laboraro.

Go tlhalositswe fa kago eo, e agilwe ka boithaopo ke baithuti bao ba baoki ka kemonokeng ya banni ba kgotla eo.

Rre Chabalala o akgotse baithuti bao ka go tswa ka mogopolo wa go aga lefelo le go latlhelwang matlakala mo go lone, a re seo ke go rotloetsa bophepa le botsogo jo bontle, a gatelela ka gore bophepa bo gaufi thata le boModimo.

A re go tlhokomela tikologo go botlhokwa thata mo botsogong jwa motho, a gatelela ka go re bophepa bo tshwanetse go simologa fela kwa malwapeng kgotsa fa motho a tsogang teng, a re ga go molemo gore motho a apare diaparo tse di phepa, mme a tswa mo tikologong e e leswe.

Rre Chabalala o kopile banni ba kgotla eo go tlhokomela lefelo leo, gore maiteko a baithuti bao a seka a fetoga lefela.

E rile a bua mo boemong jwa baithuti, Mme Portia Telekelo a tlhalosa fa ba agile kago eo ka boithaopo ba ntsha mo dikgetsing tsa bone, le go kopa dithuso mo morafeng, mo madirelong mangwe a didirisiwa tsa kago mo Kanye le maphata mangwe a puso.

Mme Telekelo  a re ba dirile jalo morago ga gore ba tsamae le kgotla eo ba lekola banni, mme ba utlwa fa matshwenyego a bone a matona e le matlakala a a tletseng gongwe le gongwe go sena kwa a latlhelwang teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kenanao Ntsimane

Location : KANYE

Event : Pulo Semmuso

Date : 19 Mar 2018