Mokhanselara o leboga barutabana
19 Mar 2018
Moeteledipele wa khansele ya Bokone Bophirima, Rre Duncan Enga a re o itumelela go bona dikole dingwe di dira bontle mo maduong le fa di lebaganwe ke dikgwetlho.
A re dikole ka bontsi di lebanwe ke dikgwetlho jaaka letlhoko la didirisiwa di tshwana le ditilo, ditafole, dibuka le tse dingwe, mme seo ga se kgobe barutabana marapo ka jaana ba ititeile sehuba go neela baithuti thuto e e ka tsogang e ba solegela molemo.
Rre Enga o boletse seo jaaka komiti ya batsadi le barutabana ba sekole se sebotlana sa Moremi III Memorial e ne e rulagantse moletlo wa go lemoga bokgeleke jwa barutabana ba sekole e le tsela ya go ba rotloetsa go tswelela ba dira go feta.
Rre Enga o boletse fa go se motlhofo go bona batho ba kgona go itoma molomo wa tlase ba bo ba ntsha maduo le ntswa ba aparetswe ke dikgwetlho tse dintsi.
O ne a lebogela maiteko a bogogi jwa sekole ga mmogo le barutabana, a re ba tswelele ka bonatla jo ba bo supileng.
Dibui kwa moletlong oo di ne di sa kgale mathe go galaletsa ba sekole sa Moremi, e bile bangwe go tswa kwa dikoleng tse dingwe ba supa fa ba tsere malebela gore le bone ba ka kgona jang.
Mogolwane wa thuto mo kgaolong ya Ngami, Rre Galesenngwe Mohube le ene o ne a iteela kobo moroko mafoko ao, a supa fa ba Moremi ba supile fa e le lelwapa le le kitlanyeng ka jaana ba tshwaraganetse tiro ka mowa o le mongwe.
A re sephiri sa go itumelela go dira ka natla se kgothatsa badiri go tsholetsa dikakanyo le go dira go feta.
O boletse fa bosheng a ne a dikologa le kgaolo go lekola barutabana, mme o fitlhetse bangwe ba aperwe ke bohutsana ka jaana ba sa dira sentle mo maduong a ngwaga oo fetileng.
Mothusa moetelediple wa PTA, Mme Onalenna Gakenaope o boletse gore mo sekoleng go rena tirisanyo mmogo, a re le batsadi ba tsaya karolo mo thutong ya bana ba bone.
A re le fa ba bitsa phuthego ya tshoganyetso, batsadi ga ba ke ba ba swabisa ka jaana ba tla ka mmetela.
A re seo ke sesupo sa gore ba lemoga botlhokwa jwa thuto.
Fa a tlhalosa gore ba kgona jang gore ba dire bontle ba bo ba fete le seelo se ba se ipeetseng, Mme Gakenaope o tlhalositse fa ba na le lenaneo la go tlhatlhoba tiro ya barutabana ka bongwe ka bongwe, mme yo o sa dirang sentle ba nna fatshe le ene gore ba tlhaloganye gore matsapa di a tsaya kae.
A re e le komiti, ba ne ba thulanya ditlhogo mme ba tla ka mogopolo wa go simolodisa go atswa barutabana ba ba dirang sentle e le tsela ya go ba fa thotloetso gore ba dire go feta.
A re lenaneo leo, le tswa maduo ka jaana ditlhopha tsotlhe di semeletsa ka go dira bontle. Lenaneo leo le simolotse ka 2016, mme ngogola sekole seo se dirile bontle ka jaana ba ne ba ipeetse seelo sa 87 per cent, mme ba dira gotlhe mo kgona. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MAUN
Event : Ipelelo Maduo
Date : 19 Mar 2018






