Breaking News

Ba Makwate ga ba dumalane ka leina

19 Mar 2018

Banni ba Makwate  ba ne ba supasupana ka menwana mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke kgosi Rodulf Mojalemotho wa Boatlaname le kgosi Michael Molefhe wa Kopong go tsweng kwa Kweneng.

Mme Vain Garebaitse o buile mo potsolotsong gore phuthego eo, e e gogileng malatsi a mabedi e ne e buisiwa ke kgosi Mojalemotho le kgosi Molefhe ba ba tlhalositseng fa ba romilwe ke tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Slumber Tsogwane, mabapi le mekubukubu ya bogosi jwa motse.

A  re fa e sale Kgosi Lefatlho Lesenyamotse a tlogela tiro ka bogodi, Makwate o ntse o sena kgosi ntateng ya go farologana ka maikutlo ga morafe mabapi le leina la motho yo o ka tlhonwang mo setilong seo.

Mme Garebaitse a re le ntswa batho ba dikgotlana tsa Metlhaleng, Mmuabui, Makabe, Palamaokue, Monageng le Mojasagagwe ba tlhophile Rre Samuel Moremi ka dipalo tse dintsi go nna kgosi,  bangwe ba supile fa ba le kgatlhanong le tshwetso eo ka jaana ba tlhophile leina la ga Rre Motswaodi Diau yo e leng kgosana mo kgotleng ya Mmuabui.

Ba lekgamu le le emeng Rre Diau nokeng ba tlhalositse mo phuthegong eo fa e le ene yo  o lebanweng ke setilo sa bogosi ka jaana e le ngwana yo o tshotsweng mo lelwapeng la bogosi jwa Makwate.

Kgosi Molefhe le kgosi Mojalemotho ba tlhalositse gore ka ba romilwe ke tona, ba tlaa sekaseka dipharologanyo tsa banni mme morago ba fetisetse kgang eo kwa go tona yo o lebaneng go ya go e rarabolola. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ofentse Lemogang

Location : MAHALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 19 Mar 2018