Breaking News

Jabeng o kata ka sammamorago

19 Mar 2018

Le fa ka tebo ya matlho a lebega a santse a na le nonofo ya go ka ragoga a rongwa tiro ya go phutha dikgang, owaii! di iteleketse dingwaga mo go Mojaboswa Rre Jabeng, o digetse tse di masome marataro, ka jalo o phuthaphutha mesobana o leba gae kwa Radisele. 

Labotlhano, kgwedi ya Mopitlwe e le lesome le bosupa ke letsatsi la bofelo la ga Rre Rre Jabeng e le modiri wa puso.

Rre Jabeng o tlaa gopolwa ke bontsi jwa bareetsi ba thulaganyo ya mo tshokologong ya Tatediso ya Dikgang mo seromamoweng sa Botswana le go kwala ka botswerere ka Setswana se se phepa e bile se nonne mo koranteng ya letsatsi le letsatsi ya DailyNews.

Mo potsolotsong le BOPA, Rre Jabeng kana Jabu jaaka a tlwaelesegile go bidiwa ke ba ba mo itseng sentle, o thapilwe mo lephateng la Dikitsiso le Seromamowa a sale monana, a le dingwaga tse di masome mabedi le motso ka 1979, ka jalo o tlogela tiro morago ga go dira dingwaga di le masome mararo le borobabongwe.

Rre Jabeng o tlhalosa gore ka nako eo e ne e le motshameki wa kgwele ya dinao a tshamekela setlhopha sa Hot Spurs mo Mahalapye, ka jalo ya re ka lengwe la matsatsi a kopana le Rre Kwapeng Modikwe yo ka nako eo e neng e le mmega dikgang mo Mahalapye. 

O tlhalosa gore ka thuso ya bogogi jwa setlhopha sa Hot Spurs o ne a kgona go bona phatlha ya go bereka e le morongwa mo lephateng la Dikitsiso le Seromamowa. 

Le fa a ne a hirilwe go bereka e le morongwa, o ne a felela a dira ditiro tse dingwe jaaka ya go phepafatsa ofisi. 

O tlhalosa gore Rre Modikwa o ne a bereka e le mokwala dikgang gape a dira tsotlhe tsa go tsamaisa ofisi go akaretsa go rekisa bukana ya Kutlwano le go phutha madi a ba ba ipapatsang mo koranteng, tlatsa ka go re Tshekiso Ngake wa mokgweetsi le ene o ne a dira tiro ya go bega dikgang.

Jabu kana Chippa o tlhalosa gore tiro ya go kwala le go bega dikgang o e rutilwe ke Rre Modikwe mme morago a tswelela ka go fiwa dithuto tsa lobaka lo lo dikhutshwane jaaka go kapa ditshwantsho, tsa kgaso le gone go kwala ka matsetseleko. 

“Ke tswa kgakala tota diphetogo tsotlhe tse di leng teng mo tirong ya bobega dikgang di dirwa ke ntse ke le teng,” a tlhalosa. 

Rre Jabeng a re o simolotse tiro a amogela R84 ka kgwedi.   

Tiro ya bobega dikgang e na le dikgwetlho e bile go tlhoka motho a ititeile sehuba e bile a le pelo e thata gore a kgone go bipolola dikgang tse di fitlhegileng. 

Nngwe ya dikgang tse a kileng a kwala ka tsone mme tsa tsosa kgaruuru ke tse di amang bogosi le maina a metse mengwe mo kgaolong ya Tswapong. 

O tlhalosa gore kgang ya leina la Tumasera/Seleka e kile ya tsosa kgaruuru, ka jalo ya dira gore bangwe ba mo lebe ka leitlho la kilo. 

A re ka nako eo Kgosi Mokgacha Mokgadi o ne a bitsa phuthego go tlhalosa gore motse o tlhomamisitswe go nna le kgotla e na le mokwaledi le mapodisi, ka jalo ba kopiwa go ntsha leina le le tlhomameng. 

Morago ga go ngunanguna kgang eo, leina la TUMASERA la kwadisiwa le dirilwe ka go kopanya maina a dikgotla tsa Tutswe, Malete, Seleka le Rasesa. Le fa go ntse jalo, Rre Jabeng o tlhalosa gore kgang eo e ne ya tsaya phekelo e sele, ya kekela ga tsoga kgaruuru bangwe ba sa dumalane, ka jalo go nna thata fa o le mmega dikgang o sa itse gore o ka kwala gore o tswa go tsaya dikgang kwa motseng ofe.

Nngwe ya dikgang tse di gaufi thata le maikutlo a ga Rre Jabeng e bile a ipelafatsa ka yone ke gore a bo a kgonne go dira gore Mokungwane o lemogwe gore o felele o bonye ditlhabololo jaaka o ntse mo nakong ya gompieno. 

O supa gore ka dingwaga tsa bo 1980 di simologa o ne a le mo mosepeleng wa tiro a le mo kgaolong-potlana ya Tswapong. 

“Ke ne ke na le Tshekiso Ngake, mo tseleng gaufi le Mathakola ra kopana le rre mongwe a gatelela dikgomo, a supa a tswa kwa Mokungwane. Re ile ra gakgamala thata ka e ne e le la ntlha re utlwalela ka lefelo le.”

Rre Jabeng a re o ne a phuaganya mosepele o a neng a o rulagantse a tsena mo motlhaleng wa monna yo le dikgomo ka maikaelelo a go bona lefelo. 

A re e rile go goroga morago ga go sokola ka go ne go sena tsela e e bulegileng, ba fitlhela ka boamaaruri go na le motse, dikago tsa teng di agilwe ka matlhakola, go sena dikago tse di tlhomameng le ditlamelo.  

O supile gore go ne go se motlhofo go tshwara dikgang le batho ba lefelo le, ka gore ba ne ba supa fa ba sa tlwaela go etelwa ke motho a tsamaya ka koloi, ka jalo ba sa tshephe boamaaruri jwa se a se buang. 

“Re ne ra laelwa go lala mo lefelong le, e le tsela ya go tlhotlhomisa boamaaruri jwa se re se buang.” 

Rre Jabeng a re ba ne ba patelesega go robala mo lefelong leo ka tumalano ya gore ba tlaa fiwa se ba se batlang mo mosong. 

“Re letse re kalotse matlho re ipotsa gore bo tlaa sa leng.”

Puisanyo ya gagwe le banni ba lefelo le, e ne ya dira gore Mokungwane o lemogwe le go felela o tlhomamisitswe le go fiwa ditlamelo tse di tshwanetseng. Le fa go ntse jalo, Rre Jabeng o supa gore pego ya gagwe e ne ya tsosa kgaruuru ka bangwe baeteledipele ba ne ba na le pelaelo ya gore ga e na boamaaruri.

Dikgang tsa sepolotiki le tsone di kile tsa tshwarisa Rre Jabeng bothata, seemo se se neng sa batla go mo senyetsa tiro. 

O tlhalosa gore le ka nako e lerole le kgamang mokoduwe e le semphete ke go fete go itlhokolediwa ditlhopho, babega dikgang ba tshwaragana le namane e tona ya tiro mongwe le mongwe a batla gore go kwalwe kana go anamisiwe se a se buang.

O supile gore tiro ya bobega dikgang e na le dikgwetlho ka gore ba ba sa tlhaloganyeng kana ba dira dingwe ka tshokamo ba felela ba leba babega dikgang jaaka batho ba ba senang boamaaruri, ka jalo a re go botlhokwa go tlhotlhomisa ka botlalo pele ga o kwala kana o bega kgang ka gore boamaaruri bo a boloka.

Rre Jabeng a re o dumela gore o dirile tiro ya gagwe ka boineelo le lorato le fa gone a ne a sena dithuto tse di kalo. 

O supa gore dithuto tse a di filweng mo tirong le bokaedi jwa ba ba neng ba dira le ene, segolo bogolo Rre Modikwa di mo thusitse gore a kgone go dira tiro ya gagwe ka matsetseleko e bile a sa boife. 

O ne a kgothatsa babega dikgang go dira tiro ya bone ka boineelo le ka lorato ba sa kgorelediwe ke dikgwetlho. 

A re go mpampetsa go senya boleng jwa kgang e bile go ka tsenya mokwadi kana mogasi mo mathateng. 

Rre Jabeng a re o tsene mo tirong ya bobega dikgang ka nako e go neng go le thata go sena ditlamelo, ka jalo a supa gore mo nakong ya gompieno le fa gone go santse go na le dikgwetlho, seemo le boleng jwa bobega dikgang se tsweletse ka go gola. 

A re tiriso ya maranyane, dipalamo le ditlhaeletsanyo di dirile gore tiro ya bobega dikgang e nne motlhofo.

Legale a re seemo seo se seka sa dira gore bangwe ba neele tshwene marapo ba itsapa go tlhotlhomisa dikgang mo go tseneletseng. 

Rre Jabeng a re mo dingwageng tsa maloba metse e e atumalaneng jaaka ya Sefhare, Borotsi le Mokobeng o ne a phutha dikgang mo go yone a tsamaya ka dinao, mme seemo seo se sa kgoreletse go dira tiro ya gagwe ka botswerere.   

A re le fa gone a ne a sa rutega, a feletse ka lekwalo la bosupa, Rre go bereka ka natla go ne ga dira gore a tswelele ka go tlhatlosiwa maemo mo tirong. 

O gateletse thata gore setshaba se tshwanetse sa lemoga botlhokwa jwa bobega dikgang mo matshelong a bone, go thusa go tsamaisa mananeo a ditlhabololo, go nonotsha puso ya batho ka batho le go galaletsa ba ba dirang sentle e seng go ba leba jaaka batho ba ba senang boamaaruri. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ofentse Lemogang

Location : MAHALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 19 Mar 2018