Ratoropo wa Selebi Phikwe o akgola sekole sa Meepong
19 Mar 2018
Ratoropo wa Selebi Phikwe, Rre Molosiwa Molosiwa o akgotse tiro e ntle ya sekole se segolwane sa Meepong le ntswa toropo eo e lebanwe ke dikgwetlho.
Fa a bua kwa moletlong wa phenyo wa maduo a JC a 2017 a sekole seo kwa Selebi Phikwe gompieno, o boletse gore sekole seo, se dirile go feta jaaka mongwe le mongwe a ne a solofetse, fa go lebeletswe bothata jo baithuti ba neng ba lebagane le jone, batsadi ba bone ba sena go latlhegelwa ke ditiro kwa moepong wa BCL.
A re maemo a bobedi a a tserweng ke sekole seo mo lefatsheng le mo kgaolong a tshwanetse go ipelelwa.
A re sekole seo se dirile gore toropo ya Selebi Phikwe le setshaba ka kakaretso ba ipele.
Le fa go ntse jalo, Rre Molosiwa o gateletse botlhokwa jwa gore batsadi ba nne le seabe mo thutong ya bana.
A re go nna le seabe ga batsadi mo thutong ya bana go nonotsha maikutlo a baithuti, gape go ba neela maatla go dira bontle mo dithutong.
Sekole sa Meepong se bone phenyo ya 75.8 per cent ngogola, se itlhabolotse ka 20 per cent go tswa kwa go 2016.
Go ya ka mogokgo wa sekole seo, Mme Dorcus Olebile a re matshwao ao a a tserweng ke sekole seo a kwa godimo fa e sale se simololwa ka 1984.
O supile gore mo baithuting ba le 153 ba ba kwadileng ditlhatlhobo, ba le batlhano ba tsere letshwao la A, ba le masome mane le motso ba tsaya la B.
Kgosi Boitshwarelo Mabutlwane wa Kubung a re lenaneo la Ipelegeng le thusitse batho ba motse wa gagwe kgatlhanong le letlhoko la ditiro.
O boleletse lekalana la dikgang la Seromamowa sa Botswana, fa batho ka bontsi ba ikaegile ka Ipelegeng ka ntata ya pula e e boutsana, le letlhoko la ditiro.
A re go solofetswe thobo e e sa nametseng ka ntata ya pula e e boutsana.
Kgosi a re malwapa a Kubung ka bontsi a ka o ora wa mariga.
Lenaneo la Ipelegeng le simolotswe ke Tautona Khama, mme le solegela molemo batho ba magae ka ditiro di santse di tlhaela.
Lenaneo leo gape le a galalediwa ka le phepafatsa tikologo mo magaeng le mo ditoropong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : GABORONE
Event : ipelo
Date : 19 Mar 2018






